Wq/tn/Veronica Campbell Brown

From Wikimedia Incubator
< Wq‎ | tn
Wq > tn > Veronica Campbell Brown

Veronica Campbell Brown CD(sefane sa gaabo Campbell; a tshotswe 15 Motsheganong 1982) ke motabogi wa pele wa  lefatshe la Jamaica yo o neng a gaisana mo mabelong a makhutshwane a dimmithara di le lekgolo(100m) le dile makgolo a mabedi(200m).

Ke mofenyi wa go gapa sekgele sa bommampudi makgetho a ferabobedi kwa di Olympic. O mo maemong a bobedi mo go bo mme bale bararo ba ba gapileng lebelo la dimmithara tse di makgolo mabedi(200m) mo ditsong kwa di Olympic  a sala Barbel Wockel wa Germany yoo fentseng lebelo kwa di Olympic ka 1976 le 1980 ga mmogo le Elaine Thompson Herah yo leene eleng wa Jamaica,  a fentse ka  2016 le 2020.Campell Brown ke mongwe wa batabogi baferabongwe ba ba fentseng bommampudi  kwa dikgaisanong tsa mabelo tsa bommampudi tsa legato la batabogi baba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabobedi, baba kwa tlase ga dingwaga tse di masome mabedi le kwa godimo mo botshelong jwa motabogi.

Dinopolo[edit | edit source]

  • Ke tsaa gore kena le neo kana mpho eke tshotsweng ka yone yago taboga
  • Ke tshegofatso, kea rata le go bona boitumelo jo bo tlalang mo boidiiding jwa batho fa ke gaisana,ke tshegofatso. Nako tse dingwe kea akanya fela abo ke lemoga  kwa ke tswang teng. Ke gopola ke taboga ka dinao kwa Trelawny, mme ka fa dilo di tsamaileng ka teng go fitlhela fa ke leng teng fa go a itumedisa.
  • Ke rata gape go thusa batho mo botshelong, ke eletsa go bona ke tshela botshelo jo ke amang kana ke rotloetsa banana.
  • Ke itsenya ka fa tlase ga kgatelelo ka gonne ke rata se ke se dirang
  • Fa o fitlhelela toro  eo ya  gago go supa gore sengwe le sengwe se a kgonagala fa  o tsentse mo tlhaloganyong abo o bereka ka thata.