Jump to content

Wq/tn/Vanessa Nakate

From Wikimedia Incubator
< Wq | tn
Wq > tn > Vanessa Nakate

Vanessa Nakate

[edit | edit source]
Vanessa Nakata ka ngwaga wa 2020

Vanessa Nakate (yo o tshotsweng ka kgwedi ya Ngwanaatsele e tlhola malatsi a le lesome le botlhano ka ngwaga wa 1996) ke molwela tshiamiso ya loapi wa Uganda.

Dikinolo

[edit | edit source]

"Aforika e kwa pele mme e seng mo ditsebeng tse di kwa pele’: Vanessa Nakate ka ntwa ya gagwe ya loapi." (2022)

"‘Africa is on the frontlines but not the front pages’: Vanessa Nakate on her climate fight."by Nina Lakhani. Sat 17 Sep 2022 08.09 BST. Retrieved 08 November 2022.

  • "Ke ne ke ntse ke re phetogo ya loapi ga se fela dipalopalo, ga se fela maemo a bosa, mme kwa Turkana ke feletse ke tshwanela go tlhaloganya mafoko ao tota."
  • "Batho ba le bantsi ba e bitsa African Cop mme e ka se nne African Cop fa baagi, balweladitshwanelo ba seyo."
  • "Go nna le taolo mo Lefatsheng go ka ga maikarabelo le tirelo go lefatshe le batho ba lone, ka gonne Modimo ga se Modimo wa go senya le go dirisa botlhaswa."
  • "Ke batho le dikgang tse di tshwanang le tse re tlhokang go di reetsa."
  • "Go ralala kontinente balweladitshwanelo ba le bantsi ba dira tiro e e gakgamatsang, mme go ne go na le ba le bantsi pele ga rona le dipopelelo tsa loapi ka ngwaga wa 2018. Fa go tlhomilwe mogopolo mo mothong a le mongwe fela go phimola maitemogelo a mangwe le dikgang. Tharabololo ga se go baya difatlhego mo mokgatlhong wa loapi, o na le dikete tsa batho ba ba dirang tiro e e gakgamatsang le go rulaganya mo merafeng ya bone."
  • "Pula e na le dingwaga di le pedi e sa ne. Go itemogela gore seo se kaya eng mo setšhabeng, go bona gore batho ba sotlega go le kana kang le gore ba tlhoka thuso e e kana kang, tota ke tshwanetse go bona ka fa mathata a loapi a amang matshelo a le mantsi ka teng le go senya matshelo a le mantsi jaana, le gore bontsi ke basadi le bana . ba ba sotlegang thata."
  • "Aforika e kwa pele mo mathateng a loapi mme ga e mo ditsebeng tsa ntlha tsa dipampiri tsa dikgang tsa lefatshe. Molweladitshwanelo mongwe le mongwe yo o buang o bolela kgang ka ga gagwe le morafe wa gagwe, mme fa a ka tlhokomologiwa, lefatshe ga le kitla le itse gore tota go diragalang, ke ditharabololo dife tse di dirang. Go phimolwa ga mantswe a rona tota ke go phimolwa ga ditiragalo tsa rona le se batho ba se tsayang se le botlhokwa mo matshelong a bone."
  • "Go na le batho ba ba batlang dikarabo tsa potso e e tlhokang go arabiwa ka dipusetso tse di tlhokegang thata le maikarabelo go tswa kwa bokone jwa lefatshe."
  • "Kgakololo yame e tla nna gore, le fa re dira go lwela, re ipeela kwa pele, re baya matshelo a rona kwa pele, re baya boitekanelo jwa rona jwa tlhaloganyo kwa pele, ka gonne lone lefatshe le re le lwelang le le tla tlhoka gore le rona re nne teng."
  • "Re ka kgona go tlhokomela lefatshe botoka fela fa le rona re dira sentle. Jaaka re buelela le go lwela tshiamiso ya loapi, go botlhokwa thata gore banana ba beye boitekanelo jwa bone jwa tlhaloganyo le go itlhokomela kwa pele, go batlisisa gore, go itlhokomela ke eng mo go bone?"
  • "Re tlhoka go feta dipuisano ka gore ka puisano nngwe le nngwe go na le ngwana yo o swang, ka puisano nngwe le nngwe go na le lelapa le le fudugang le batla metswedi ya metsi le go batla dijo, ka puisano nngwe le nngwe batho ba tswelela ka go sotlega."

Dikgokagano tsa kwa ntle

[edit | edit source]