Wq/tn/Unity Dow

From Wikimedia Incubator
< Wq‎ | tn
Wq > tn > Unity Dow
Dr Unity Dow ka ngwaga wa 2011

Unity Dow o o tshotsweng ka ngwaga wa 1959, kgwedi ya Moranang e le malatsi a le masome mabedi le boraro ka sefane sa Diswai, ke mmueledi, molwela ditshwanelo tsa batho, leloko la palamente le le tlhophilweng ka mo go faphegileng ebile ke mokwadi wa Motswana. O berekile e le moatlhodi kwa kgotlatshekelong ya Botswana, a bereka gape mo maphateng a puso a le mmalwa.

Tse di nopotsweng[edit | edit source]

  • "E nnile tsheko e e turileng ebile e tsere lobaka go gaisa ditsheko tsotlhe tse lefatshe le le kileng la di itemogela. E ngokile kgatlhego e ntsi mo lefatsheng la Botswana le lefatshe ka bophara go gaisa ditsheko tsotlhe tse di nnileng teng. Basarwa ke setlhopha sa lotso lo lo neng lo tseelwa kwa tlase go tswa bogologolong maina a ba bidiwang ka one e le a morogano ka tsela e e tshwanang le a nigger le kaffir."
  • "Go ne go le thata mo go nna. E ne e se tsheko ya me fela, kgang ya me, mme boremelelo bo ne bo le mo go nna. Ka nako e o nne ke le mmotlana ke akanya gore sengwe le sengwe se a kgonagala, mme go ne na le tlhwatlhwa ya madi le maikutlo. Ke nna ke bua gore kwa tshimologong ke ne ke kgweetsa koloi ya BMW mme kwa phelelong ya tsheko e ke ne ke kgweetsa teraka. Ke ne ka tshwanelwa ke go ntsha bongwanake mo sekolong se se ikemetseng ka ba isa kwa go sa puso."
  • "Ke tsholetswe mo Botswana o neng a sena ditsela tsa sekonotere, go sena mosokelatsebeng, mo re neng re tshwanelwa ke go rwala metsi le dikgong mo tlhogong. Ke akanya gore ke bone setsidifatsi lantlha ke setse ke le mosha."
  • "Lefatshe la Botswana le sa tswa go tswa mo nakong ya kiletso dilo tse dintsi."
  • "Puo ya molao e na le nonofo ya banna. Ngwao ya molao e nonofile ga banna. Ka nako nngwe ke ne ka simolola go akaanya gore ga go a tshwanela go nna jaana le gore ke na le tshwanelo ya go nna fa ke leng teng."
  • Go ne go se motlhofo jalo. Mme kwa phelelong ke fentse. Ga go a fetola molao wa boagedi fela, gore banna le basadi ba lekane mo boageding, e rotloeditse le melao e mengwe.
  • "Ke akanya gore mo pelong ya me ke mokgarakgatshegi, ke nna fela ke tsamaya. Ke tlhoka go gwetlhiwa mo tlhaloganyong. Boswa jwa me ke go ikgwetlha."