Wq/tn/Tendani Gaolathe

From Wikimedia Incubator
< Wq‎ | tn
Wq > tn > Tendani Gaolathe

Tendani Gaolathe ke mokaedi wa ditsamaiso tsa tirisanommogo gareng ga lefatshe la Botswana le lekgotla la Rutgers mo go tsa botsogo (Botswana-Rutgers Partnership for Health) mo lefatsheng la Botswana. Ke mmatlisisi mogolo wa ditshekatsheko le mananeo a a amanang le tlhokomelo ya balwetsi ba kankere le thibelo ya yone, COVID-19 le thuthuntsho ya tsa botsogo mo Botswana. Boremelelo jwa dipatlisiso tse Gaolathe a di dirang mo tirong ya gagwe ke thibelo le kalafi ya bolwetse jwa HIV/AIDS.

Tse di nopotsweng[edit | edit source]

  • "Ke motlotlo ka thuto ya me le sebaka sa go abela lefatse la me."
  • "Ke dule kwa bothibelelong ke utlwa gore ke tshwanetse go ba direla sengwe bone le ba ba mo seemong se se tshwanang le sa bone"
  • "Bokopano jwa mafatshefatshe jwa mogare wa HIV le bomme bo weditse ngwaga ya lesome mme bo tsweletse ka go fetoga. Ke tshono e e maleba, e ka yone batlhokomedi ba balwetsi, babatlisisi, puso, mehama e e ikemetseng le baemedi ba sechaba ba kopanang go buisana, go ngangisana le go oketsa kitso ya bone ka dikgang tse di amanang le mogare wa HIV le bomme."