Jump to content

Wq/tn/Stephanie Busari

From Wikimedia Incubator
< Wq | tn
Wq > tn > Stephanie Busari
Stephanie Busari interviews U.S. Secretary of State Antony Blinken in 2021

Stephanie Kemi Busari (o tshotswe ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a supa le metso e supa ( 1977) ke mmegadikgang wa kwa Nigeria yo o itsegeng ka go bona bidio ya "proof of life" ya basetsana ba sekolo ba Chibok ba ba timetseng morago ga letsholo la Bring Back Our Girls le le neng la dira gore go nne le dipuisano le Boko Haram tse di neng tsa felela ka go gololwa ga basetsana ba sekolo ba ba fetang lekgolo ba ba neng ba tserwe ka dikgoka.

Dikinolo

[edit | edit source]

Ngwaga wa dikete tse pedi lesome le metso e Supa

[edit | edit source]
  • Nna le wena re na le seabe mo go seno. Ke rona ba re anamisang tshedimosetso eno. Ke rona ba re anamisang dikgang tseno mo Internet. Mo motlheng ono, re baboledi. Mme re na le maikarabelo. Mo tirong ya me ya go nna mmegadikgang, ke a tlhatlhoba le go tlhomamisa. Ke ikanya maikutlo a me mme ke botsa dipotso tse di thata. Ke ka ntlha yang fa motho yono a mpolelela kgang eno? Ke eng se ba se bonang ka go bolelela ba bangwe tshedimosetso eno? A ba na le maikaelelo mangwe a a fitlhegileng? Ke dumela tota gore rotlhe re tshwanetse go simolola go botsa dipotso tse di thata ka tshedimosetso e re e bonang mo Internet. Dipatlisiso di bontsha gore bangwe ba rona ga re bale go feta ditlhogo tsa dikgang mme re a di ananya.
    • [1]
    • Mafoko a a nopotsweng ke Stephanie Busari a a bontshang kafa dikgang tsa maaka di utlwisang batho botlhoko ka teng.
  • Go tweng fa re sa tlhole re tsaya tshedimosetso e re e lemogang e le botlhokwa? Go tweng fa re akanya ka ditlamorago tsa tshedimosetso e re e anamisang le kafa e ka tlhotlheletsang thubakanyo kana letlhoo ka teng? Go tweng fa re ka akanya ka ditlamorago tsa mmatota tsa tshedimosetso e re e abelanang?
    • [2]
    • Mafoko a a nopotsweng ke Stephanie Busari a a bontshang kafa dikgang tsa maaka di utlwisang batho botlhoko ka teng.
  • Basetsana ba kwa Chibok ke sesupo; sesupo sa basadi; sa basetsana botlhe ba ba utswilweng ke Boko Haram.
    • [3]
    • Fa a bua ka se se mo tlhotlheleditseng go kwala pego ya gagwe e e amang maikutlo ka basetsana ba kwa Chibok e e dirileng gore a newe sekgele sa Grace.
  • Mmegadikgang mongwe le mongwe o na le kgang e e mo tlhaolang. Mo go nna, ke nngwe ya dikgang tse go leng thata go di lebala fa fela basetsana ba sa ntse ba le mo botshwarong jwa Boko Haram.
    • [4]
    • Fa a bua ka se se mo tlhotlheleditseng go kwala pego ya gagwe e e amang maikutlo ka basetsana ba kwa Chibok e e dirileng gore a newe sekgele sa Grace.
  • Go nna mo nageng e e tlhabologileng o bo o ngongorega ka Nigeria ga go kitla go dira gore dilo di direge. Ke tshwanetse go nna fano ke dire se ke ka se kgonang, go thusa go e tlhabolola, ke ikutlwa gore tiro ya me ke go gatelela kgang e e tlhokang go bolelwa; go bonesa dilo tse di tlhokang go senolwa. Tseno ke dilo tse di nkgatelelang.
    • [5]
    • Fa a ne a bua ka tsela e a neng a ikutlwa ka yone ka naga ya Nigeria.
  • Seabe sa me ke go re, go na le mathata fano fela jaaka gongwe le gongwe mo lefatsheng, re tlhoka go bontsha tsela e e farologaneng, mme re tlhoka go bontsha batho ba ba nang le tlhotlheletso, batho ba ba dirang dilo tse dikgolo fano.
    • [6]
    • O ne a bua ka go dira pharologano ka go thusa go fetola matshelo a batho ka mokgwa wa gagwe wa go bega.
  • Kwa Boritane, batho ba apara marokgwe le diaparo tse di kwa godimo, ka dinako tse dingwe, ba sa itshasa makeup, ba bo ba tsamaya. Mme fano, mongwe le mongwe o ela tlhoko se o se aparang le tsela e o lebegang ka yone. Mo lefelong leno, batho ba ikgantsha ka tsela e ba aparang ka yone. Fano, go apara ke tsela e o batlang go bidiwa ka yone mme kwa Boritane ga go na sepe se se tshwanang le seo.
    • [7]
    • Go bapisa feshene ya kwa UK le ya kwa Nigeria le tsela e ba aparang ka yone.
  • Jaaka mosadi, o ka se kgone go ipeela melelwane, dingwaga tsa go ipeela melelwane di setse di fetile ka jalo, dira jalo.
    • [8]
    • Fa re bua ka tsela e metswedi e mesha ya tshedimosetso e bopang basadi ba gompieno ka teng le kafa e ileng ya thusa basadi ka teng.

Ngwaga wa dikete tse pedi lesome le metso e robabongwe

[edit | edit source]
  • Basadi ba kwa Nigeria ba a kgatlha! Moya wa go batla go dira sengwe le go itshoka fa o lebane le mathata ke selo se se kgatlhang tota. Go tswa mo mosading wa mmaraka yo o rekisang dilwana tsa gagwe go ya go basadi ba ba mo setlhoeng sa ditiro tsa bone, ke kgatlhwa ke tsela e basadi ba kwa Nigeria ba kgonang go dira dilo ka yone, ka dinako tse dingwe ba dira jalo ka madi a mannye thata.
    • [9]
    • Mafoko a a nopotsweng mo puisanong ya gagwe a bua ka sengwe se se neng sa mo kgatlha ka mosadi yono wa kwa Nigeria.
  • Go na le sengwe ka lefelo leno se se go tshwarang se bo se go gogela mo go lone. Maatla a teng a kwa godimo thata mme ke akanya gore ke sone se se ngokang batho fano
    • . [10]
    • Ke inotse go tswa mo puisanong ya gagwe ya gore o kgonne jang go tsena mo bothateng jwa Lagos.
  • Itlwaetse tiro ya gago letsatsi le letsatsi. Leba batho ba o ba ratang, latela dikgato tsa bone, mme o ba etse. Mme o tshwanetse go simolola. Itirele ditshono tsa gago.
    • [11]
    • Tshupiso go tswa mo puisanong ya gagwe e a neng a e abelana ka dikgakololo tse di mo thusitseng go fitlhelela maemo a a leng mo go one jaanong.
  • Re batla go buisana le bareetsi ba rona kwa ba leng teng, ka difouno tsa bone tsa selula, mo metsweding ya go ikgolaganya le batho mo Internet, le ka thelebishene. Ka jalo, ke tsela e e nang le dikarolo tse dintsi, e e dirisiwang mo dithulaganyong tse di farologaneng e e dirisang didirisiwa tsa go anela dikgang tsa dijithale go anela dikgang tsa Seaforika ka tsela e ntšha.
    • [12]
    • Ke kinolo e e tserweng mo puisanong ya gagwe ya gore kgopolo ya CNN ya go tlhoma lefelo la dijithale kwa Nigeria e tlile jang.
  • Re seteishene sa dikgang mme re bega dikgang fa di ntse di diragala. Re tshwanetse go bolelela batho ka dilo tse re di fitlhelang.
  • Ke ne ka tla kwa Nigeria ke ikemiseditse go dira tiro e e molemo mo lefelong le ke le ratang thata. O tshwanetse go dira dilo go ya ka maemo.
    • [14]
    • Mafoko a a tserweng mo puisanong ya gagwe ka go lebana le dikgwetlho tsa go nna kwa Nigeria. Ke lemogile gore sengwe le sengwe se ikaegile ka tsela e motho a akanyang ka yone. Ke tlhopha go leba dilo ka tsela e e siameng, tota le fa go na le dikgwetlho. Ga go motlhofo go dira jalo mme ke lemogile gore ke boikutlo jo bo dirang gore ke kgone go itshokela dinako tsa mathata.
      • [15]
      • Mafoko a a nopotsweng mo potsolotsong ya gagwe ya go lebana le dikgwetlho.
    • Batho ba anamisa dilo ba sa lemoge ba dumela gore ke boammaaruri mme ke kafa dikgang tse di seng boammaaruri di anamisiwang ka teng, ka ntlha ya go se tseye tsia le go se tlhomamise. Tlhomamisa gore e tswa mo motsweding o o ikanyegang wa dikgang pele ga o anamisa sengwe mo Internet.
    • [16]
    • Tsopolo e e tserweng mo puisanong ya gagwe ka ga gore lefatshe le ka tswelela jang mo go tlhameng le go abelaneng dipolelo tse di ikanyegang.
  • Loeto lwa gago lwa botshelo lo tla go tsaya mo ditseleng tse dintsi tse di farologaneng mme kwa bofelong o tla fitlha kwa o tshwanetseng go ya teng. Ikanye tsela e dilo di dirwang ka yone. Rapela ka metlha mme o se ka wa latlhegelwa ke botho jwa gago kana wa ineela mo go se o leng sone e le fela gore o fitlhe kwa godimo.
    • [17]
    • Mafoko a a tsopotsweng mo puisanong ya gagwe ka kgakololo e a e nayang basadi ba basha ba ba ka ratang go latela tsela ya gagwe mo botshelong.
  • Batsadi ba na le tsela ya bone ya go bona gore botshelo jwa gago bo tla nna jang. O tshwanetse go itirela le go amogela tsa gago mme O ITUMELE ka dilo tse o di tlhophileng.
    • [18]
    • Go gakolola basadi ba basha gore ba se ka ba patelediwa go tsena mo lenyalong.
  • Go hutsafala ka ntlha ya lenyalo le legae le le sa itumelang go tsenelela mo moyeng wa gago. E a go thubaganya e bo e dira gore o se ka wa tlhola o nna se o leng sone.
    • [19]
    • Go gakolola basadi ba ba sa nyalwang gore ba ele tlhoko kgatelelo pele ga lenyalo.

Ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi

[edit | edit source]
  • Banna bangwe ba na le dikakanyo tse di sa tlwaelegang tsa kafa o tshwanetseng go itshwara ka teng fa o na le motho yo o ratanang le ene.
    • [20]
    • O ne a bua ka boitemogelo jwa gagwe jwa go ja kwa ntle le modirimmogo le ene.
  • Tota le fa o sa ikutlwe o le karolo ya lefelo leno, o tshwanetse go tswelela pele. O se ka wa letla go ikutlwa o sa sireletsega go go kgoreletsa.
    • [21]
    • Ke gakolola basetsana ba ba leng mo motseletseleng wa Dare2Dream Master Class gore ba se ka ba letla ope kgotsa sepe se ba thibela go fitlhelela dilo tse ba batlang go di fitlhelela, go sa kgathalesege gore ba tswa kae.
    • Ga go na tekanyetso ya go lekalekana. Rotlhe re batho mme re tshwanelwa ke go tshwarwa ka tsela e e tshwanang.
      • [22]
      • O ne a bua ka Black Lives Matter le ka go nna le ditshwanelo tsa bomorafe jaaka Moafrika.

Dikgolagano tsa kwa ntle

[edit | edit source]