Wq/tn/Shelly Ann Fraser Pryce

From Wikimedia Incubator
< Wq‎ | tn
Wq > tn > Shelly Ann Fraser Pryce

Shelly -Ann Fraser-Pryce OD,OJ(sefane sa gaabo Fraser; a tshotswe 27 Sedimonthole 1986) ke motabogi wa lefatshe la Jamaica yo o gaisanang mo mabelong a makhutshwane a dimmithara dile masome a marataro(60m), lekgolo (100m) le makgolo a mabedi (200m). O tsewa jaaka mogaka wa mabelo a makhutshwane wa nako tshotle.

Dinopolo[edit | edit source]

Shelly-Ann Fraser-Pryce: Athletes have power to change the world, Sportanddev.com, (2023)[edit | edit source]

  • Ka fa re amang sechaba ka teng, go supagala go menagane gona le kafa reka akanyang ka teng gompieno, mme ebile ke selo sese ka tswelelang fela jalo le re setse re tlogetse. Fa re ka kopana kana ra tshwaragana re ka nna sekao se sentle mo lefatsheng. Mme ebile se ka dirwa ke sekao se re ka se dirang mo lebaleng le kwa ntle ga lebala la metshameko.
  • Re bagaisane rotlhe mme ebile  fa re gaisana re tshwanetse ra supa tlhompho mo melawaneng e e beilweng,mo bataboging ka rona le sechaba ka kakaretso sese re kgothatsang. Metshameko e mo dipelong tsa rona mme re tshwanetse ra supetsa lefatshe gore e monate gape e  kopane. Metshameko e na le tsela eo e buwang le banana ka teng, mme ebile molaetsa wa yone enna fela ele yo montle kana yo o siameng.
  • Se ke boikarabelo le maatla a masha mo pakeng ya rona. Fa re bonang goka  fetolwang teng mo metshamekong kana mo sechabeng ka kakaretso re tshwanetse ra bua, mme ebile ya nna rona re tsayang boikarabelo  jwa go diragatsa phetogo eo ka go dirisa serodumo sa rona le serala seo re nang le sone go tsenelela mo dikgannyeng tse di gaofi le pelo tsa rona.
  • Gompieno re na le bokgoni jwa go fetola lefatshe  ka tsela eo bo mmampudi ba ba tlileng pele ga rona ba sa kgonang. Fa re ka lemoga monyetla yo mme ra dira mmogo, jalo  hee katlego ya rona jaaka bomme le borre ba metshameko etlaabo ele tshimologo ya boswa jwa rona.