Jump to content

Wq/tn/Rukky Sanda

From Wikimedia Incubator
< Wq | tn
Wq > tn > Rukky Sanda
Rukky Sanda in 2015

Rukky Sanda (o tshotswe ka kgwedi ya Phatwe e le masome a mabedi le boraro, ka ngwaga wa sekete ,makgolo a robabongwe,masome a robabobedi le metso e mene( 1984) ke motshameki wa difilimi, motlhami wa difilimi le mokaedi wa difilimi wa kwa Nigeria.

Dikinolo

[edit | edit source]
  • Bokao jwa go keteka letsatsi la me la botsalo ke fela go leboga Modimo go bo ke okeditse ngwaga o mongwe. Ke a tshela, ke itekanetse e bile ke matlhagatlhaga. Gape ke batla go mo leboga ka go bo a ile a segofatsa tiro ya me thata. Ke keteka letsatsi la me la botsalo ngwaga le ngwaga.
  • Ke tla diragatsa toro ya me. Ke itumelela se ke se dirang gone jaanong. Ke ne ka re ke tla diragatsa toro ya me ka tsela ya gore fa ke fitlha kwa bokhutlong, ke tla bo ke tsentse sengwe le sengwe se ke neng ke batla go se tsenya mo tirong ya me. Ke ka nako eo, ke neng ke ka re ke tla bo ke tshela ka toro ya me mme ke sa ntse ke dira, ke dira ka natla go diragatsa toro eo. Ga ke kgone go bolela gore ke setse ke gorogile.
  • Ga ke akanye gore ke na le mokgwa ope o o sa siamang mme ga go na ope yo o itekanetseng. Ke rapela fela gore Modimo a dire gore ke nne motho yo o botoka mo ditseleng tsa me tse di sa itekanelang. Ke motho mme batho ga ba itekanela. Ke Modimo fela yo o itekanetseng.
  • Ke sa ntse ke le motho yo o simololang. Ke sa ntse ke gola le go ithuta mme ke tlhomile mogopolo thata. Ke mosetsana fela, ga ke ise ke kgotsofale. Ga ke ise ke fitlhelele le e leng peresente e le nngwe ya se ke ikaeletseng go se fitlhelela. Mme ka thuso ya Modimo, ke tla kgona.
  • Go ne go le monate tota. Go gola ke sengwe sa dilo tse di molemolemo tse ke di gakologelwang. Ke setse ke tlwaetse botshelo jwa kwa Lagos mo e leng gore go batla go itshupa e le selo sa tlholego. Ke mosetsana wa kwa Lagos ka lekgolo la lekgolo, bogolo jang ka ntlha ya gore ke goletse kwa Surulere.
  • Nna o ikanyega mo go wena, dira ka natla mme o se ka wa dira sepe se o tla se ikwatlhaelang. O se ka wa rekisa moya wa gago gore o tume; ga go na mosola go dira jalo.
  • Ga ke itse. Ke leka fela go nna se ke leng sone, le go leka go nna le botsogo jo bo siameng. Ke akanya gore seo ke sone selo sa botlhokwa thata. Ka tlwaelo, ga ke motho yo o ratang dijo, mme ke itumelela gore mothusi wa me wa mo ntlong o ne a tshaba dibeke tse pedi tse di fetileng. Tota e bile, o ne a utswa madi a me a bo a tshaba, ka jalo jaanong ke tlwaetse go dira dilo ke le nosi.
  • Ke dumela mo go itlhaloseng; ka metlha ke bolela se ke se akanyang, le go ngaparela se ke se dumelang. Batho ba ka nna ba e tlhaloganya ka ditsela tse di farologaneng, mme kwa bofelong jwa letsatsi, ke nna fela se ke leng sone; ga ke kgone go leka go nna motho yo mongwe, kgotsa go tshegetsa se ke sa se dumeleng. Ga ke a godisiwa jalo. E ile ya ntlisa mo ke leng teng gone jaanong, mme ke a ithata.
  • Ga ke tsene mo mathateng. Fa ke bua sengwe le sengwe gongwe le gongwe, ke tla ema ke nitame. Ga ke mofuta wa mosetsana yo o dumelang tshebo, kana go bua ka tsela e e se nang mosola. Fa ke na le sengwe se ke batlang go se bua, ke a se bua ke bo ke tswelela pele ka botshelo. Fa e le gore o na le bothata bongwe, o tle o mpolelele. a re o tila mathata .
  • Batho bangwe ba a lapisa e bile ba na le boikutlo jwa go sa bone dilo sentle mme ga ke tshwenyege ka bone.
  • Go tshameka le nonyane kana tau ga se selo se segolo. Ka metlha ke ntse ke rata diphologolo mme ke rata go nna le tsone. Ga ke bone sepe se se sa tlwaelegang ka seo.

Dikgolagano tsa kwa ntle

[edit | edit source]