Wq/tn/Pelonomi Venson-Moitoi

From Wikimedia Incubator
< Wq‎ | tn
Wq > tn > Pelonomi Venson-Moitoi
Pelonomi Venson-Moitoi

Pelonomi Venson-Moitoi o o tshotsweng ka ngwaga wa 1951, kgwedi ya Moranang e le malatsi a le masome a mararo le bonwe, ke mmegadikgang ebile e le lepolotiki kwa Botswana o o kileng a bereka e le tona wa tsa mafatshefatshe go tswa ka ngwaga wa 2014 go tsena Sedimonthole ngwaga wa 2018. O ne a nna bontlha bongwe jwa khuduthamaga ya Botswana ka ngwaga wa 1999 e le mongwe wa batho ba le bane ba ba neng ba tlhophilwe ka mo go faphegileng , mme a tlhophiwa gape ka ditlhopho tsa ngwaga wa 2004.

Venson-Moitoi e ne e le tona wa tsa pereko, dipalamo le ditlhaeletsanyo go tswa ka ngwaga wa 2001 le 2002, a nna tona wa tsa kgwebo, mehama, diphologolo tsa naga le bojanala go tswa ka 2002 go tsena ka ngwaga wa 2004. Ka ngwaga wa 2004 o ne a nna tona wa tsa tlhaeletsanyo le maranyane. Mo khuduthamegeng ya ngwaga wa 2009, Venson-Moitoi o ne a nna tona wa tsa tlhaeletsanyo le maranyane mme a tloga a nna wa thuto.

Tse di nopotsweng[edit | edit source]