Wq/tn/Pam Tshwete
Pamela Tshwete o tshotswe ka kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi ale mararo ka ngwaga wa 1951 ke mopolotiki wa Aforika Borwa go tswa kwa Cape Botlhaba. Gone jaana o direla jaaka Mothusa Tona ya Dikago tsa Batho go tloga ka Phatwe 2021. O ntse a le leloko la Kokoano Bosetšhaba go tloga ka 2002 le motlatsa tona go tloga ka 2013.
Mo dingwageng tsa gagwe tsa ntlha tse di lesome mo Kokoanong ya Bosetšhaba, Tshwete o ne a direla African National Congress (ANC) jaaka whip, la ntlha jaaka whip wa komiti mme morago jaaka whip wa kgalemo go tloga ka 2009 go fitlha ka 2013. Tautona Jacob Zuma o mo thapile jaaka mothusa tona ka Phukwi 2013; e ne e le Mothusa Tona ya Tlhabololo ya Metseselegae le Tlhabololo ya Lefatshe go tloga ka 2013 go ya 2014 le Mothusa Tona ya Metsi le Kgeleloleswe go tloga ka 2014 go ya 2019. Morago ga ditlhopho tsa kakaretso tsa 2019, Moporesitente Cyril Ramaphosa o ne a thapa Tshwete jaaka Mothusa Tona ya Dikago tsa Batho, Metsi le Kgeleloleswe, e leng lephata le le neng le sa tswa go tlhongwa; o ne a ikarabelela ka dikago tsa batho mme a boloka portfolio eo fa lefapha le ne le kgaoganngwa gape ka Phatwe 2021.
Dikinolo
[edit | edit source]- Fa re busetsa seriti sa batho ba rona ka go aga mafelo a batho ba nnang mo go one, ga re ba neye fela matlo, mme re ba naya matlo a boleng jo bo kwa godimo a a nang le melao le ditekanyetso tse di tla ba thusang go tlamela setšhaba ka dilo tse ba di tlhokang, go akaretsa le batho ba ba nang le bogole. Mo godimo ga moo, re tlamela mafelo a batho ba nnang mo go one ka ditirelo tsa loago.
- Go tlala ga batho mo ditoropong, dikago tse di senyegileng, tse di tlhokomologilweng le tse di tserweng ka dikgoka mmogo le go anama go go sa feleng ga mafelo a go nna a a sa rulaganngwang ke ditlamorago tse di tlhamaletseng tsa bosetlhogo jwa boswa jo bo sa siamang jwa thulaganyo ya go rulaganya mafelo mo motlheng wa tlhaolele.
- Tseno di akaretsa, fela e seng fela, go dirolola project tse di kgoreletsweng, go tlhabolola mafelo a go nna a a sa rulaganngwang, go fedisa marulelo a a nang le asbestos le matlo a a agilweng ka seretse, mme sa bofelo, mananeo a matlo a loago a a ikaeletseng go fetola ditoropokgolo le go dira gore baagi ba rona ba nne gaufi le ditshono tsa ikonomi.
- Re tshwenngwa thata ke go senyega ga mananeo a go aga mafelo a batho mo ditoropong tsa Gauteng. Go ya pele, Toropokgolo ya Tshwane e tswelela go dira ka tsela e e kwa tlase mo dithusong tsa go aga mafelo a batho ba nnang mo go one. Mo dingwageng tse tharo tse di fetileng tsa tsa madi, Toropo e ne ya tswelela pele go busetsa madi a a sa dirisediwang Letlole la Lotseno.
- re keteka tshwanelo ya rona e e feletseng ya go nna le dithoto e e kwadilweng mo molaotheong wa rona, re gakologelwa batho ba Palesetina mo ntweng ya bone ya go lwela tshwanelo ya bone ya go tshela le go atlega mo lefatsheng le ba tsholetsweng mo go lone. Re akgola puso ya rona le batho ba Aforika Borwa go bo ba tsere kgato e e gagametseng go tshegetsa kgang ya Palesetina.
- Jaaka lephata leno, re ka ipelafatsa ka go tlhoma setlhopha sa tiro sa basadi mo mafelong a batho ba nnang mo go one se se nang le basadi ba ba nang le seabe mo go direng gore mafelo a batho ba nnang mo go one a nne botlhokwa.
- Go tokafatsa bokgoni jwa go tsibogela dikotsi tsa masetlapelo, go tsibogela maemo a tshoganyetso a mafelo a batho ba nnang mo go one go ne ga dirwa mo lefapheng la bosetšhaba, go akaretsa le go fetola melao e e gatelelang go dirisa technology tse dingwe tsa go aga go tsibogela dikotsi tsa masetlapelo mo mafelong a magae.
- Fa re ntse re aga mafaratlhatlha a porofense le a mmasepala a a nang le mosola go tlamela ditirelo ka tsela e e nang le mosola mo baaging, a re: Bala bomme mo teng. Beeletsa mo go bomme .Go Akofisa Kgatelopele.