Wq/tn/Nkosazana Clarice Dlamini-Zuma

From Wikimedia Incubator
< Wq‎ | tn
Wq > tn > Nkosazana Clarice Dlamini-Zuma

Nkosazana Clarice Dlamini-Zuma (a tshotswe ele Dlamini;27 Firikgong 1949), nako tse dingwe a bitswa ka maina a gagwe a kgaotswe NDZ ke mo Aforika Borwa wa lepolotiki,ngaka ya sekgoa gape ke molwantwa kgatlhanong le mmuso wa tlhaolele kana wa kgethololo.

Dinopolo[edit | edit source]

  • Fa ke sa dire sentle, ke kopa  le supe Aziz ka monwana ka gore ke ene a nthutileng go dira dilo botoka kana bontle kafa keka kgonang ka teng.
  • Go tsena mo seatleng fela mo go tlileng go thusa bomme mo Aforika Borwa. Ma Uganda ba tsaa molawana o ka tlhwaafalo mo eleng gore dielo tsotlhe tsa bone tsa madi di tlholwa pele ke ba makalana a ditshwanelo tsa setho pele goka dumalanwa kana tsa amogela.
  • Re tshwanetse ra golola bomme mme ra ba neela mafelo a a babalesegileng go ba neela kgololesego mo go tsa itsholelo le go ipusa gonne fa ene ese bomme, metse kana malwapa ale mantsi akabo a thubegile.
  • Ke batho ba ba nang le tlhaloganyo tse di tiileng mme ebile ke matsipa ago akanya,ba godisa bana bale nosi.
  • Ga keare kena le ditharabololo mme ke bona  sechaba se se supang dikai tsa go imelwa ga maikutlo, seo se  tshwanetseng sa fetogela  go dira dilo segologolo mme ba ikgapha mo go rotloetseng dintwa, go kgokgontsha ba bangwe le go kgoreletsa ditshwanelo tsa bone tsa setho.
  • Banyalani ba dingwaga tse di kwa tlase ba tshwanetse ba gakololwa go nna fa go babalesegileng mme ba nne mo manyalong aa nang le kagiso. Se seka emisa kgokgontsho ya bong le dintwa tsa malwapa. Reka dira se, dilo gadi maswe jaaka go lebega.