Jump to content

Wq/tn/Muthoni wa Kirima

From Wikimedia Incubator
< Wq | tn
Wq > tn > Muthoni wa Kirima
Field Mashall Kirima

Muthoni wa Kirima (born in 1931) e ne e le molwela-kgololosego wa maemo a a kwa godimo wa mosadi mo mokgatlhong wa kgololosego wa Kenya The Mau Mau kgotsa Land Freedom Army ka bo1950. Ke ene mosadi a le esi fela yo go bolelwang gore o neilwe maemo a go nna field-marshal a Mau Mau.

DIKINOLO

[edit | edit source]

Ga nkitla ke kgaola Dreds ya me ka gonne batho ba ba ileng ba intsha setlhabelo thata ga ba a ka ba itumelela maungo a boipuso.

•As quoted in the article MUTHONI WA KIRIMA: MY HAIR, MY HISTORY [1] by Umazi Mvurya; published on April 13, 2018.

•Batlhabani bangwe ba a tshela, mme ba tshela mo lehumeng. Ke batho ba ba golafetseng, ba ba foufetseng, ba ba lwalang, bakopi le batho ba ba nnang mo mafelong a a seng kafa molaong ka gonne ga go na ope yo o ba bolelelang se re se lwelang. Ba ne ba intsha setlhabelo gore ba golole Kenya, mme lefa go ntse jalo ba ne ba sala ba humanegile.

•As quoted in the City News article of The Standard By James Mwangi | 5 years ago.

•Go tla go fitlha jaanong, naga eno e mo diatleng tsa batho ba ba dirang mmogo le rona. Ba amegile fela ka dikhumo tsa bone mme e seng ka dikgatlhego tsa batho. Sengwe le sengwe se ba nang le sone gompieno ke ka ntlha ya go bo re ile ra lwela go nna le sone. Go utlwisa botlhoko gore bontsi jwa rona re sule kana re tshela mo maemong a a utlwisang botlhoko. Ke rata go nna ke didimetse mme ke lebe dilo jaaka di direga.

•As quoted in the City News article of The Standard By James Mwangi | 5 years ago