Jump to content

Wq/tn/Mariam Usman

From Wikimedia Incubator
< Wq | tn
Wq > tn > Mariam Usman

Mariam Usman

[edit | edit source]
Mariam Usman

Mariam Usman (yo o tshotsweng ka kgwedi ya Ngwanaatseele e tlhola malatsi a le boferabongwe ka ngwaga wa 1990) ke motsholetsi wa bokete wa Nigeria.

Dikinolo

[edit | edit source]
  • "Paakanyetso ga se sepe se se ka buiwang ka sone; mme ga ke kgobege marapo, go na le moo ke e tsaya e le kgwetlho ya go oketsa lebelo la katiso yame kwa ntle ga kampa ya bosetšhaba. Re ntse re le mo kampeng dikgwedi tse pedi tse di fetileng re ikatisa ka tlhoafalo, se se tla nkgontsha go gapa sekgele mo nakong e mme ke a itse gore Modimo mothatayotlhe o tla ema maiteko ame nokeng. Ke ne ke le kwa Diolimpiking tsa Beijing le tsa London ka ngwaga wa 2008 le wa 2012 ka go latelana, mme ga ke a ka ka kgona go gapa sekgele sepe. Le fa go ntse jalo, e ke tshono e nngwe mo go nna mme ke tshwanetse go dira pharologanyo mo nakong e."
  • "Ke leboga Modimo ka go senolwa kwa Diolimpiking tse di fetileng, kwa dikgaisanong tsa kontinente le motseletsele wa diteko tse di nthusitseng go kokoanya dintlha tsa motheo tse di dirileng gore ke bone thekethe e ya Diolimpiki."
  • "Go botlhoko go tla kwa Diolimpiking mme o bone batho ba e leng ba motlha wa gago ba dira botoka go go feta; e seng ka gore o tlhoka bokgoni mme ke ka gore o ne o sa ipaakanyetsa jaaka bone."
  • "Mo go nna, ga se fela go tlolela mo sefofaneng dingwaga dingwe le dingwe di le nne go ya kwa Diolimpiking. Moatlelete mongwe le mongwe yo o mmonang fa o batla go gata mo sethaleng. Fa o sa kgone go ikaelela go tlhatloga koo, ga o na kgwebo ya go tla kwa Diolimpiking. Nka akanyetsa fela go ya kwa Diolimpiking tse dingwe fa dilo di ka fetoga go nna botoka. Mme fa maemo a a ntseng jalo a ka nna a ntse jalo, ga ke akanye gore ke tla ya kwa Diolimpiking tse dingwe gape."
  • "Sekgele sa gauta sa Diolimpiki ga se tle ka tlhwatlhwa e e kwa tlase. Go botlhoko gore motho a tshwanelwe ke go sotlega mme fa dikgaisano di tla ba solofela gore o tla gapa sekgele ka madi a gago. Batho ba o tshwanetseng go gaisana le bone ba ne ba na le sengwe le sengwe se ba neng ba se tlhoka: dithuso tsa katiso, dikgaisano mme ba kopana le didirisiwa tsa segompieno thata. Ke ne ke se na sepe. Ga o solofele gore batho ba ba ntseng jalo ba ba beeleditseng madi a mantsi jaana ba tla latlhegelwa ke yo o sa ikatiseng sentle."
  • "Ke utlwa gore ngwaga wa 2012 o ne o le botoka. Ke ne ke na le katiso e e botoka mme maduo ame a ne a le botoka. Mo lekgetlhong le ga go a dirwa sepe go tokafatsa tiragatso ya motho."
  • "Ke ikutlwa ke tlotlilwe e bile ke itumelela go bo ke tlhophilwe jaaka Motsholedi wa Bokete wa Ngwaga wa 2014 ke batho ba Nigeria. E ne e le tlotla e ke ikutlwang gape e le kgwetlho mo go nna go tswelela ke dira go le gontsi, le go solofetsa gore ga nkitla ke swabisa naga (Nigeria)."
  • "Sephiri sa katlego yame ga se kgakala. Ka boammaaruri jotlhe le boingotlo, nka re go ikemisetsa le go dira ka natla ke tsone dilotlolo tsa katlego yame mme ke dumela gore baatlelete ba bangwe le bone ba ka fitlhelela katlego fa ba ikemiseditse e bile ba dira ka natla."
  • "Ke ne ka tsaya tshwetso ya gore ke nne motsholedi wa bokete ka ntlha ya go tshosiwa ke basimane. Ke ne ka bona ke tlhoka go lebega jalo gore ke kgone go bona tlotlo nngwe mo banneng le go ba itsise gore le basadi ba ka tshwana le bone. Fa e sale ke simolola, ga ke ise ke ikotlhae gotlhelele ka ke kgonne go ikgapela dikgato tsame le tsa setshaba. Gape, ke kgona go fepa ke phuthologile ke sa tshwenye ope mme lelapa la gaetsho le itumetse."
  • "Ke ya kwa dikgaisanogn tsa ba ba kgonneng maikaelelo a le nosi a go tlhopha thekethe ya di-Olimpiki. Kgaisano e tla bontsha tota gore go kampa go nnile le tlhotlheletso e e kana kang mo go nna ka gore ga ke ise ke tsamaye ke fete mo mofuteng o wa go kampa mo nakong e e fetileng. Bakatisi ba ne ba re kgarameletsa kwa setlhoeng go ntsha tse di molemo mo go rona."
  • "Re ka se nne re dira selo se le sengwe mme re bo re lsolofela gore go nne le maduo a a farologaneng. Fa balaodi ba rona ba metshameko ba batla gore baatlelete ba Nigeria ba simolole go fenya jaaka baatlelete ba bangwe botlhe go tswa kwa lefatsheng lotlhe, re tshwanetse go simolola go dira dilo ka tsela e e farologaneng go bona mofuta wa maduo a ba bangwe ba a bonang."
  • "Go utlwisa botlhoko thata fa o itse gore o na le bokgoni jwa go dira botoka mme ka ntlha ya gore dilo dingwe ga di a siama mo dipaakanyong tsa rona tsa Metshameko, motho o bo a palelwa ke go fitlhelela se se beilweng. Ga ke batle go utlwala e kete ke ntsha maipato a go palelwa ke go nna mo sethaleng. Se ke se buang ke gore ga re a tshwanela go ya kwa Metshamekong e e latelang mo dingwageng di le nne kwa Tokyo, Japane mme gape re nne mo seemong se se tshwanang se sa go sa tswe sentle. Ke ikuela mo go ope fela yo o tla bong a okametse metshameko ya Nigeria gore a seka a letla dilo gape go fetoga jaana. Go tshwanetse ga nna le dipaakanyo tse di botoka, kgothatso e ntsi mo baatleleteng ba Nigeria. Baatlelete bao ba bangwe (ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe) ba re neng re gaisana le bone ba ne ba na le sengwe le sengwe jaaka mo go sengwe le sengwe go atlega. Ga go utlwale fela go lebelela maduo a a molemo mo baatleleteng ba Nigeria ba ba gaisanang le ba ba ntseng ba ipaakanyetsa mo dingwageng tse tharo tse di fetileng. Rona baatlelete ba Nigeria re gaisana fela ka dikeledi le madi. Ke ka boikemisetso jwa motho ka namana jwa go atlega jo bo kgweetsang baatlelete ba Nigeria. Ga e kopane fela jalo."
  • "Ke fentse dikgele di le mmalwa mo dikgaisanong di le mmalwa mme ke eletsa go bona sekgele sa Diolimpiki. Ke tuelo e e kwa godimo e moatlelete a ka e bonang go bontsha gore o fitlheletse setlhoa sa motshameko. Mme ka jalo go botlhoko tota fa motho a sa kgone go fitlha kwa sethaleng go amogela sekgele sa Diolimpiki. Go utlwisa botlhoko tota."
  • "Ke ikutlwa ke itumeletse tota go fenya. Ke ntse ke akantse ka gauta go tloga fela kwa tshimologong. Ke ne ke dumela gore ke tla e bona mme ka e bona."

Dikinolo ka ga Usman

[edit | edit source]
  • "Usman ke ene fela wa tiragalo ya go tsholetsa bokete kwa Rio; o ne a dira sentle thata kwa dikgaisanong tsa go tlhopha tse di neng tsa dira gore a fenye mme o ne a kgona go bona thekethe ya Diolimpiki."
  • "Ke ne ka tshwanelwa ke go mo tlhatlosetsa (Usman) go nna 160kg ka e ne e se moeng mo go seo. O ne a tsholetsa 170kg. O ne a ya kwa Lontone go ya go fenya, mme Usman o ne a latlhegelwa ke tlhoafalo. Ga ke itse gore go diragetse eng, mme o ne a e tlhakatlhakanya. Go ne go le botlhoko. Ke mo godisitse mme ke itse bokgoni jwa gagwe."