Wq/tn/Mapaseka Koetle

From Wikimedia Incubator
< Wq‎ | tn
Wq > tn > Mapaseka Koetle

Mapaseka Koetle (a tshotswe Mopitlo 23, 1989) ke modiragatsi wa moAforika, mmakgwebo gape ona le sekhutlwana sea rutang batho. Oitsagale ka leina la Dintle Nyathi mo motshamekong wa thelebishini wa Scandal.[1][2][3]

Dinopolo[edit | edit source]

  • Ke gopola letsatsi la fa ke lemoga gore ke itsholofetse ka Nema, ke ne ke itumetse ebile ke tshogile. Gonna motsadi go fetotse botshelo jwa me mme ebile ke itumelela se letsatsi le letsatsi.
  • Sengwe gape se ke seithutileng ka loeto le ke gore fa o le moimama kana oitsholofetse,o batla go nna le tsala yoo  moimama, tsala yoo go tlhaloganyang ka seemo sa lona sea  tshwana, motho  yo o ka buang leene.
  • Google ke tsala ya gago, mogoloo kana monnao yo o nang le ngwana ke tsala ya gago ka gonne o batla go bua kase o se solofetseng, se se tlang.
  • Ke ka moo ke simolotseng mogwanto o o bidiwang Mommy Diaries, foo batsadi ba buang ka sepe fela se se diragalang fa ba itsholofetse, ba le batsetsi le kgolo ya bana.
  • Ke dumela gore Dintle o godile tota , mme ebile ke tshepa gore o ithutile mo diphosong tseo adi dirileng. Jaaka modiragatsi, ke godile leene, lentswa resa lekane ka ngwaga ale monnye mo go nna, mme re kopane le dikgwetlho tsa botshelo tse di tshwanang.
  • Ke rata kafa ba kwadileng lenaneo la karolo ea e a e tshamekang, motshameko o nthusitse gore ke gole jaaka modiragatsi  mme ebile go ne go makatsa gore lenna kene ke feta ka dikgwetlho tsa botshelo tseo leene a fetang ka tsone mo motshamekong ka nako ele nngwe.   Go godisiwa ke mme motsadi wame ale nosi  gone gona le dikgwetlho,ke godisitswe sentle mme ka nako eo gone go sena thelebishini ko lwapeng, ka jalo kene ke  e lebelela ko baagisanying.
  • Go golelela ko Bloemfontein go ne go siame, mathata fela ke gore gone go sena menyatla kana ditshono tse dintsi tsa se ke se batlang. Ere lefa gontse jalo tshisego e neng ele mogo nna ene ya dira gore keseka ka ipona tsapa.
  • Bakwadi kana baapei ba bangwe ba metshameko fa o nna mo mmeleng kana onna moimama oka nna wa latlhegelwa ke mmereko ka gonna fa gongwe ba tlamega go fetola lenaneo la karolo eo e tshamekang , ka jalo o tshwanetse wa  dira  lenaneo la botshelo jwa gago le tiro.

I have a lot in common with Scandal! character"Sunday World, 13 June 2022 by Mbalendle Zuma[edit | edit source]

  • Fela fa ngwana a tsholwa,motsadi leene wa tsholwa. Gaise a nne teng, entse ele mme jaanong ke motsadi yoo aneng ase teng pele. Motsadi enna selo se sencha.(1)

Metswedi[edit | edit source]

  1. Mapaseka Koetle serving looks in hot dresses". IOL. Retrieved 12 February 2021
  2. Mapaseka Koetle - Nyokong on keeping her family out of the limelight". ZAlebs. Retrieved 19 December 2019
  3. Scandal! star Mapaseka Koetle-Nyokong turns her attention to restaurant business". SowetanLIVE. Retrieved 19 December 2019