Wq/tn/Magdeline Lesolebe

From Wikimedia Incubator
< Wq‎ | tn
Wq > tn > Magdeline Lesolebe

Magdalene Lesolebe( a tshotswe 18 Morule 1983) yoo itsagaleng ka leina la gagwe lamo seraleng, Charma Gal, ke  moopedi wa motswana ebile gape ke mokwadi wa dipina. Charma Gal o tsholetswe mo Botswana mo motsaneng yo o bidiwang Lerala. One a nyalane le Kabelo Mogwe mme morago ba kgaogana ka ngwaga wa 2016.[1] Charma Gal ona le bana bale babedi[2] mme ebile ke mongwe wa ba ba simolodisitseng setlhopha sa mmino sa Culture Spears se se tlhamilweng ka ngwaga wa 2005. Oile a tswa mo setlhopheng se, mme aya go tlhama setlhopha sa gagwe sa mmino sese bidiwang Eke Ntolo, semo bogompienong se ntshitseng direkoto tsa mmino di supa.

Dinopolo[edit | edit source]

  • Se se diragalang mo seraleng sa bodiragatsi se felela foo mme sese diragalang ko gae kana kwa lwapeng se pharologanyo. Reitse go farologanya dilo tse pedi tse.(citation needed)
  • Kgwebo e ya bodiragatsi kana ya mmino e dingalo, go botlhokwa gore o bo ona le motho yo o tlhaloganyang kgatelelo ee tlang le yone.
  • Ga rea  tshwanelo go dira jaaka mapolotiki, mapolotiki one a dira okare aa lwa fa ba le mo pele ga sechaba, mme ko bothokong ba dirisanya mmogo. Jaaka baopedi, faele gore re tshwanetse go lwa, a re lweng mo seraleng ka mmino kana moopelo.

Magokaganyi aa kwa Ntle[edit | edit source]

Metswedi[edit | edit source]

  1. Mosimanegape Tshoswane (16). Kabelo Mogwe & Charma Gal slits a knock out hit. WeekendPost. Retrieved on 10, 2022. Retrieved on November, 2022
  2. Botswanayouth (16). 10 Things You Didn’t Know About Charma Girl!. Botswanayouth. Retrieved on 10, 2022. Retrieved on November, 2022