Wq/tn/Katie Leigh Zelem

From Wikimedia Incubator
< Wq‎ | tn
Wq > tn > Katie Leigh Zelem

Katie Leigh Zelem(a tshotswe 20 Firikgong 1996) ke motshameki wa kgwele ya dinao wa lefatshe la Ennyelane yoo o tshamekang mo legareng mo setlhopheng sa  Manchester United le mo setlhopheng sa sechaba sa Ennyelane  sa bomme.

Dinopolo[edit | edit source]

  • Ke akanya gore gagona yoo batlang go bona a tshameka ka ntlha ya go gobala kana mathata a yo mongwe.Ka lesego re itemogetse  fa kgobalo ya ga Keira ese kgobalo ee kalo e e ka mmayang fa  fatshe, ka jalo seo ke dikgang tse di monate .
  • Go bua nnete, fa kene kesa bidiwa mo kampeng  ka kgwedi ya Moranang, ke ne ke tsere fela gore ke jaaka toro ya me ya go tshameka mo sejaneng sa mafatshefatshe  e phirimile.
  • Ke akanya gore mo malatsing a sa tswang go feta, ke berekile ka natla mo setlheng ,mme go raa gore ene ese nako yame. Lefa gontse jalo re nnile le metshameko ee e botlhokwa tota kwa setlhopheng sa Manchester United re lwela bosimega jwa setlha le makgaolakgang a sejana sa FA (FA cup).