Wq/tn/Joy Phumaphi

From Wikimedia Incubator
< Wq‎ | tn
Wq > tn > Joy Phumaphi

Joy Phumaphi ke mokwaledi mogolo wa mokgatlho wa African Leaders Malaria Alliance. O diretse batho ba Botswana ele mokanoki mogolo mo maphataneng aa kwa tlase aga goromente mme morago ya nna tona ya tsa Botsogo gone mo lefatsheng la Botswana. Ke leloko la mafatshe a Aforika a bogakolodi (African Advisory Group), leloko la UNDP la mananeo a Aforika,  gape ke leloko la mananeo aa itebagantseng le bana ba dikhutsana le bana ba ba godileng boima kana baba tshelelang mo diemong tse di ngomolang pelo la United Nations  Children’s Funds( UNICEF).

Dinopolo[edit | edit source]

  • Retla lwantsha mogare ka mowa oo sa lapeng.
  • HIV/AIDS ke kgwetlho  ya setho kana mo bathong, kgwetlho ee amang motho ka bongwefela, malwapa le sechaba ka kakaretso.
  • Go ithuta ka tsa botsogo jwa sechaba  go rotloeditswe ke keletso yame go netefatsa gore gona le dithuso le ditlamelo tsa botsogo gaufi le bao baba dikobo dikhutshwane bogolo jang bomme,makgabunyana le bana bao baba mo boraing jwago angwa ke megare kana go bolawa ke malwetsi aa ka thibelwang. Ke itumelela godi goga kwa pele lego rotloetsa tiro ee dirwang  ke CHAI go tokafatsa seemo sa botsogo mo mongweng le mongweng gosa lebelelwa letso  le  boineelo mo go gagamatseng ditirelo tsa botsogo go ralala lefatshe ka bophara go netefatswa gore ditirelo kana dithuso  tsa botsogo gadi fele.

Magokaganyi aa kwa Ntle[edit | edit source]