Jump to content

Wq/tn/Jane Naana Opoku-Agyemang

From Wikimedia Incubator
< Wq | tn
Wq > tn > Jane Naana Opoku-Agyemang

Jane Naana Opoku-Agyemang

[edit | edit source]
Jane Naana Opoku-Agyemang ka ngwaga wa 2020

Jane Naana Opoku-Agyemang FGA(née Sam; yo o tshotsweng ka kgwedi ya Ngwanaatsele e tlhola malatsi a le masome a ammbedi le bobedi ka ngwaga wa 1951) ke morutegi le lepolotiki wa Ghana yo o neng a direla jaaka Tona ya Thuto go tloga ka Tlhakole ka ngwaga 2013 go fitlha ka Ferikgong ka ngwaga wa 2017. Ke moporofesara yo o tletseng wa dibuka. O ne a dira jaaka Mothusamokanseliri wa ntlha wa mosadi wa yunibesithi ya puso kwa Ghana fa a ne a tsaya marapo a go nna Mothusamokanseliri wa Yunibesithi ya Cape Coast. Ga jaanong jaana o dira jaaka Mokanseliri wa Yunibesithi ya Basadi mo Aforika.

Dikinolo

[edit | edit source]

"Mabaka a le matlhano a madi a le diketekete tse di matlhano: Puisano le Naana Jane Opoku-Agyemang"

https://www.globalpartnership.org/blog/5-reasons-5-billion-interview-naana-jane-opoku-agyemang

  • "Dipuso di tshwanetse go tswelela go supa gore thuto ke motheo wa tlhabololo yotlhe, setheo se dipuo tsotlhe di dikologang mo go sone - tshireletsego, boitekanelo, itsholelo, phetogo ya loapi, tekatekano, ditshwanelo tsa batho le tse dingwe."
  • "Ke ne ka fitlhela sekolo e le lefelo le le monate, ke dira ditsala, ke ithuta le go ribolola dilo tse disha. Barutabana ba ba neng ba ama thata e ne e le ba ba neng ba nyenya, ba kgothatsa, ba itshokela le ba ba neng ba lemoga gore dithunya dingwe di tsaya nako go thunya."
  • "Fa re ka thea tumelo ya rona mo kgopolong ya gore mongwe le mongwe a ka ithuta, re ka fitlhelela basetsana ba sekolo le bone, ka mekgwa e e farologaneng ya go ithuta. Fa re ntse re dira gore basetsana ba seka ba tsena sekolo ka lobaka lo loleele, palo e tla oketsega le go feta mme keletso ya kagiso ya lefatshe lotlhe e tla re tila rotlhe."
  • "Pilara e kgolo ke thuto e e atlegileng ya setšhaba ka ga botlhokwa jwa thuto e e atlegileng ya botlhe, bogolosegolo ya basetsana le basadi go tlhoma seabe sa bona se se botlhokwa mo botshelong jwa lelapa, setšhaba, botho."
  • "Ga ke moitseanape wa itshoelo mme ke tlhaloganya itsholelo."

"Puo ya tlhomo ya ga Moporofesara Jane Naana Opoku-Agyemang"

https://www.faapa.info/blog/full-text-of-professor-jane-naana-opoku-agyemangs-inaugural-speech/

  • "Go tlogela ga se kgetlho. Nna mo tseleng. Jaaka batho, re falotse bosetlhogo jo bontsi jo bo sa buiweng. Bala mme o itse ditso tsa gago tsa boammaaruri. Re sa tswa go keteka Ngwaga wa go Boa. Bala ditso tseo, ka kelotlhoko fela thata. Ga e ise e nne kopi e e monate ya sobolo."
  • "Go dira ditso go a itumedisa; mme se se botlhokwa tota ga se go nna wa ntlha go tsena ka kgoro. Se se botlhokwa ke go tshwara lebati o le le le bulela ba ba kwa morago ga rona le go tlhama ditsela tse dingwe tsa go itlhalosa mo go ba bangwe ba le bantsi."
  • "Re batho ba ba tlolang dikgoreletsi tse dintsi. Go tsamaya mo tseleng eo ke kgato ya bopelokgale. Maitemogelo ao ke go tlhama botho."
  • "Fa go lebega go na le tshiamiso e e tlhophilweng; fa batho bangwe ba ba tlotseng molao ba sa bewe le mo seatleng mme ba akgolwa le go tlhatlosiwa maemo ka ntlha ya go nna maswe le go nna thubakanyo, phelelo e e utlwalang ke se re se bonang."
  • "Go basetsanyana le basimane botlhe ba bannye go kgabaganya lefatshe la rona, ka metlha lorang ka dilo tse dikgolo; nna o tsepamisitse mogopolo. O ka gola go nna sengwe le sengwe se o se batlang."
  • "Dumelang gore ke lona fela lo ka ikemisang. Ga e kitla e nna ka batsadi ba gago, ba ba humileng kgotsa ba ba humanegileng; e seng kgaolo e o tswang kwa go yone le gore a e abetswe ditsompelo kgotsa nnyaa. Gakologelwa gore mpho ya tlholego ke se e leng sone; e ne e sa tswe mo maitekong a ga ope. Ke tlholego e e neng ya baya ditsompelo tseo koo. Ke ka moo re di bitsang matlotlo a tlholego."

Dikgokagano tsa kwa ntle

[edit | edit source]