Jump to content

Wq/tn/Hope Cynthia Sadza

From Wikimedia Incubator
< Wq | tn
Wq > tn > Hope Cynthia Sadza

Professor Hope Cynthia Sadza le Dr. Fay Chung ba ne a thaya Yunibesiti ya Basadi ya Afrika kwa Zimbabwe ka 2002 . Professor Sadza o ne a simolola tiro ya gagwe e le morutabana ka 1964. Morago ga boipuso o ne a nna mokwadisi wa lekgotla la go ithuta go dira tiro mo lephateng la Manpower Planning and Development. Ke mongwe wa batsamaisi ba ba simolotseng Zimbabwe Institute of Public Administration & Management (ZIPAM) ka 1987 go ya kwa go 1989. Professor Sadza e ne e le mothusa mogokgo wa sekolo sa ithutelo ditiro sa Women's University in Africa go fitlha a tlogela tiro ka 2021. Yunibesithi ya Basadi mo Aforika e ne ya tlhomiwa go tlokafatsa dipharologano tsa bong mo thutong kwa Zimbabwe le mafatshe a a mabapi a Aforika. Profeessor Sadza o gatisitse dibuka di le dintsi tse di buang thata ka bong.

Dikinolo

[edit | edit source]
  • Go tsaya nako go fedisa pharologano ya thuto fa gare ga banna le basadi. Tiro ya rona e ne e le go fokotsa go sa lekalekane ga bong mo bana ba basimane ba tsenang sekolo mme ba basetsana ba nyadisiwa.
  • Seabe sa rona ke go ruta Zimbabwe yotlhe e seng fela bana ba basetsana. Molemo wa mosadi yo o rutegileng ke gore o nna le maatla mo setshabeng mme ga go kgonege gore a ka godisa bana ba ba sa rutegang.
  • Basadi! O ka kgona go dira. Tla kwa Women's University in Africa (WUA) mme o ithute. Tsogang mme lo tswe mo mafelong a lo iketlileng mo go one.
  • Go tokafatsa seemo sa basadi ke nngwe ya dilo tse di botlhokwa thata tse di ka thusang gore go nne le tlhabololo ya boditshabatshaba. Women Excel ke bokopano jo bo kgatlhisang jo bo tlhamilweng ke basadi jo bo diretsweng basadi ka maikaelelo a go maatlafatsa basadi mo dikarolong tsotlhe tsa matshelo a bone.
  • Ke ikutlwa gore se ke se fitlheletseng se ka bo se fitlheletswe ke mosadi mongwe le mongwe yo o dirang ka natla. O ka kgona go fitlhelela sengwe fela fa o dira ka natla. Ke bala thata mme ke ikutlwa gore fa ke sa bale kana ke sa kwale ke senya nako ya Modimo.
  • Basadi gantsi ba fitlhela go le bokete go abela madi a bone thuto ka gonne gantsi ba baya dilo tse ba di tlhokang kwa morago, fa ba ntse ba tlhokomela malapa a bone.
  • Re simololtse Yunibesithi ya Basadi ka gonne re ne re batla go supa gore re ka kgona go dira jalo. Molaetsa o o yang kwa basading ke gore ba tswelele ba kgorometsa kariki mme ba se ka ba belaela bokgoni jwa bone.
    • They deserve honour (9 March 2021) Tsebe e etetswe ka Phalane a le masome a mabedi le boratato ka 2024.

Dikinolo ka ga gagwe

[edit | edit source]
  • E re ka a na le ponelopele e kgolo ka ga Yunibesiti ya Basadi mo Aforika (WUA), Sadza o dumela gore basadi ba ka fitlhelela go le gontsi fa ba ka fiwa ditshono tse di lekanang mo thutong.
  • Ga go ise go nne bonolo gore ngwana wa mosetsana a atlege mo lefatsheng le le tlwaelegileng la 'banna' Mosadi yo o setse a fetile mo go tsotlhe mme seane sa gore katlego ga se setlhare se se ka palamiwang ka diatla di le mo dikgwatlheng se utlwala se le boammaaruri mo go Dr. Sadza
  • Motswako wa botho jo bo gogelang le lorato lo lo tseneletseng lwa go thusa ba ba kgaphetsweng kwa thoko le tumelo ya go direla, e ne ya nonotsha go ititaya ga gagwe go tlhoma sekolo go sa kgathalesege gore go ja bokae.
  • Yunibesiti ke bosupi jwa go dira ka natla, go ikemisetsa, go intsha setlhabelo le go ititaya sehuba ga motho yo o neng a sa kgotsofalele go nna kwa godimo a le nosi. O ne a otlolola diatla tsa gagwe gore a gogele basadi ba bangwe gore ba tle go nna le ene koo.
  • Kgatlhego ya gagwe le maikemisetso a gagwe a go maatlafatsa basadi a ne a ngoka mekgatlho e e tshwanang African Capacity Building Foundation (ACBF), e e neng ya nna motlamedi yo mogolo wa madi wa tshegetso ya setegeniki.
  • Professor Sadza o tsere leano la bong go ralala dikontinente mme a tsibosa bontsi jwa basadi ba ba nang le maemo a a nang le tlhotlheletso go netefatsa gore ga go na mosadi ope yo o salang kwa morago.
  • Prof Sadza o tlogela motlhala o o sa phimogeng mo go tsa thuto, mo go tsa kgwebo le mo matshelong a baalogi ba le 10 481 ba ba nnileng le tshiamelo ya go ithuta kwa Yunibesithing ya Basadi mo Aforika, e leng yone fela sekolo se se ntseng jalo mo Aforika.
  • Pelo ya gagwe e ne e ntse e tshologa madi ka ntlha ya basadi ba maemo a bone a dirileng gore ba se ka ba nna le seabe mo thutong, ba setso sa bone se neng se rata go beeletsa mo ngwaneng wa mosimane fa ba ne ba tlogela ngwana wa mosetsana yo o neng a le mo kotsing ya go latlhegelwa ke sekolo, go nyalwa ka bonana le go godisa lelapa.
  • Botshelo jwa gagwe o bo neetse go lwantsha go sa lekalekane ga bong le go rotloetsa tekatekano mo thutong ya yunibesithi.