Wq/tn/Gaositwe Chiepe

From Wikimedia Incubator
< Wq‎ | tn
Wq > tn > Gaositwe Chiepe

Dr Gaositwe Thipe Chiepe(a tshotswe 20 Phalane 1922) mo Serowe ele morwadie T. le S.T Thipe (a Sebina). Rraagwe o tlhokafetse a sale mmotlana mme bako gaabo rrabo ba dumalana gore a tlogele sekole a nyalwe, fa mmaagwe a ile a pateletsa gore a tswelele le dithuto tsa gagwe. Go sena ka pelaelo epe, Chiepe o dirile bontle mo dithutong tsa gagwe go itumedisa mmaagwe yoo pateleditseng gore a tsene sekole a rutege.[1]

Dinopolo[edit | edit source]

  • Ae sare jwale ka bagolo ra kgaphelwa ntle ka ntlha ya bogodi kana botsofe jwa rona mme go dirisiwe botlhale le dikitso tse re di ithutileng ka bothata, ese  fela go oketsa boleng teng kana bagodi mo sechabeng mme ele go oketsa puisano kana tshwaragano magareng ga  tlhatlologano ya batho go thiba diphatlha fa gare ga bagodi le banana. Re batla go nna “bagodi mo go laeng mme banana mo go direng kana go diragatseng”
  • Selo santlha seke se rayang bana ba basetsana ke gore banne bone baseka ba nna se eseng bone. Baitlotle ka bobone mme batla bone ba tlotlwa ke mongwe le mongwe. Kene ke bereka kana ke dira mo lefatsheng lego tletseng borre, gongwe le gongwe fake dirileng teng kene ke dikaganyeditswe ke borre ele nna motho wa mme fela, mme bane ba ntlotla.
  • Ke kgatlhanong le karolwana kana sephatlo sese beetsweng bomme kwa palamenteng kana mo dikhanseleng. Gake dumele gore go siame gore mme a tsenngwe mo maemong fela ka gore ke motho sesadi kana mme a gannwe ka tiro kana tshwanelo yago bereka fela ka gore ke mme. Mme gape ke lemogile gore kebo mme baba palo potlana mo maemong kana mo ditirong tse, ka jalo a ba neelwe maemo a boeteledipele mme  go nne le kgang e ya karolwana kana sephatlo. Mme ba tshwanetse go a berekela.
  • Sengwe le sengwe se o se dirang, netefatsa gore o ntsha bokgoni jwa gago botlhe. Tshotle tse ke di dirileng kene ke ntsha ga tshwene, ka jalo ga ke ikotlhaele sepe. Mo setswaneng gona le puo ee reng: “susu ilela suswane gore suswane atle ago ilele.”
    • Gaositwe Chiepe, Along came Gaositwe, Mmegionline ( 28 August 2009) Retrieved 7 November 2021
  • Re isa ditebogo tsa rona go bagodi ba rona mo Botswana, (ba ba saleng teng mo botshelong le bao baba itapolositseng) go re godisa kafa ba re godisitseng ka teng.”

Metswedi[edit | edit source]

  1. Dr Gaositwe Chiepe. KnowBotswana. Retrieved on 13, 2022. Retrieved on November, 2022.

Magokaganyi aa kwa Ntle[edit | edit source]