Jump to content

Wq/tn/Chido Cleopatra Mpemba

From Wikimedia Incubator
< Wq | tn
Wq > tn > Chido Cleopatra Mpemba
Chido Mpemba ka 2022.

Chido Cleopatra Mpemba (yo o tshotsweng ka Phukwi wa 1988) ga jaana o dira e le Morongwa yo o Kgethegileng wa Basha wa bokopano ja Kopano ya Aforika (AUC). O ne a tlhophiwa jaaka Morongwa wa bobedi wa Basha wa Kopano ya Aforika ke modulasetilo wa bokopano ja Kopano ya Aforika Moussa Faki ka Ngwanatsele wa 2021, jaaka modiredimogolo yo mmotlana mo ditsong tsa Kopano ya Aforika le morutegi yo mmotlana mo khabineteng ya modulasetilo. Chido o ne a tsaya maemo go tswa mo go Aya Chebbi wa kwa Tunisia. Go ya ka Modulasetilo wa bokopano ja African Union, Moussa Faki, seabe sa Moemedi wa Basha wa AU ke go thusa mo go bueleleng merero ya tlhabololo ya basha mo Aforika.

Dikinolo

[edit | edit source]
  • Selo se se ileng sa tlhaga thata ke se basha ba itshedisang ka sone. Gape ba batla gore re tsepamise mogopolo mo go potlakiseng maiteko a go rarabolola mathata a a amanang le go fetoga ga loapi le go itepatepatepanya le go fetoga ga maemo a bosa, dituelo tsa phetogo ya loapi le go ruta batho ka phetogo ya loapi.
  • Ke solofela gore basha ba tla nna kwa pele mo maitekong a go rarabolola bothata jwa phetogo ya loapi. Re tshwanetse go baya dilo tse basha ba di tlhokang kwa pele fa go tla mo kgannyeng ya go fetofetoga ga maemo a bosa le go duelela maemo a bosa. Gape re tshwanetse go dira gore go nne le ditshono tsa gore basha ba Maaforika ba dire dilo tse disha le go tlisa tharabololo ya maemo a bosa. Mo COP27, ke solofela gore go tla nna le lekgotla le le gakololang basha go netefatsa gore ditlhokego tsa basha di emelwa ka botlalo.
  • Ke itumelela gore African Union e tlhomile Baemedi ba Kagiso ba Basha ba Aforika mo dikgaolong tse di farologaneng tsa Aforika. Mme re ntse re nna le dipuisano tse di malebana le Letlhomeso la Kontinente la Basha, Kagiso le Tshireletsego. Fa ke bua jaana, Baemedi ba Kagiso ba Basha ba mo Nigeria go tla go buisana ka thulaganyo eo le go thusa go tlhoma leano la bosetshaba la kagiso le tshireletsego.
  • Molaetsa wa me mo basheng ba lefatshe lotlhe ke gore isago e mo diatleng tsa rona. Re tshwanetse go tsaya kgato gone jaanong. Re tshwanetse go tlhotlheletsa ditshwetso tse di re amang.
  • Ke akanya gore fa ke bua ka dikgwetlho kgotsa sengwe se basha ba le bantsi ba lebanang le sone. Mme fa o tsena mo lefelong le o setseng o na le maitemogelo a mantsi le batho ba o berekang le bone, ka dinako tse dingwe o iphitlhela o le mo kgatelelong ya go dira ka natla le go itshupa gore o motho wa mofuta mang. Mme ke akanya gore e ne e le kgwetlho ya ntlha fa ke ne ke tsenela, e seng gore mongwe o ne a mpateletsa, mme ke ne ke ipateletsa go re, "Ke tshwanetse go diragatsa".  "Ke neilwe tiro eno" "Ke tlhophilwe ke Modulasetilo" "Ke lemogilwe ke mafatshe a maloko a Aforika". Go na le dilo di le dintsi tse di leng mo kotsing ka nna. Ga se fela gore ke tla bo ke le koo mme se se botlhokwa le go feta ke gore batho ba ke ba emelang, le bone ba tla mpona molato. Ka jalo, go tla le, o a itse, kgatelelo ya gore "Ke tshwanetse go dira seno mme ke tshwanetse go se dira gone jaanong" ka gonne go na le dikgwetlho tse dintsi. Aforika e ne e lebagane le dikgwetlho di le dintsi ka nako eo go tloga ka botlhokatiro jo bo kwa godimo go ya go dikgotlhang tse di golang, go ya go mathata a go fetoga ga loapi, go ya go pusong ya bathokabatho le ditshwanelo tsa setho tsa basha. Go na le dilo di le dintsi. Ke tiro e ntsi mme o tshwanetse go kgona go e dira.
  • Ke akanya gore go molemo go bo ke nnile le tshono eno. Ke sengwe se ke sa se tseyeng motlhofo. Ke dumela gore seabe sa me se pharologanyo. Ka gore ke na le tshono ya go bua le basha, ke bua le baagi mo setshabeng, ke bua le makgotla a bosetshaba a basha, ke bua le mafatshe a maloko, mme gape ke na le tshono ya go bua le batlhami ba melao le dipuso. Go tswa go ditona, ditlhogo tsa mafatshe, barongwa ba ba kgethegileng ba bangwe. Mme e re neela tshono ya go tlhomamisa gore o kopanya seo. Gore mantswe a basha, go tswa mo go se ke se utlwang go tswa kwa diphuthegong tsa me tsa kwa dintlolehalahala tsa motse, a fitlhe kwa tafoleng ya go tsaya ditshwetso, koo ke nnileng le tshiamelo ya go tsena mo tafoleng ya go tsaya ditshwetso. Le gape go tlhomamisa gore se se tswang kwa go ba ba dirang melao se fitlha le kwa basheng.
  • Ke ne ke tla re le ka motlha o se ka wa nyatsa tlhotlheletso e o nang le yone mo lefatsheng. Ke ikutlwa gore jaaka basha ka dinako tse dingwe, re nyatsa seabe se re nang le sone mo setshabeng. Mme o se ka wa dira jalo, e ka tswa e le mo setshabeng, mo lelapeng, molefatsheng, mo kontinenteng kgotsa mo lefatsheng lotlhe, mme kwa bofelong, rotlhe re nna le seabe, go sa kgathalesege gore re mo seemong sefe. Ka jalo, nna o gakologetswe seo. Ka metlha dira se o ka se kgonang.
  • Ke rotloetsa gore mo ngwageng o o tlang phuthegong e e latelang ya ditlhogo tsa mafatshe tsa Aforika Borwa e tshwarwe ga mmogo le phuthego ya basha ya bokopano ja Aforika, gore basha ba tle ba kgone go nna mo tafoleng e le nngwe le ditlhogo tsa mafatshe le go kgona go tsamaisa thulaganyo ya go fitlhelela Aforika e re e batlang le go tlhama ditharabololo mmogo.
  • Ka jalo, ke sone se ke se buelelang ka 2023, ke dumela gore sengwe sa dilo tse ke di tsayang di le botlhokwa thata fa ke le mo tirong ke go tlhomamisa gore re na le basha ba le bantsi ba ba nnang mo tafoleng mo dipuisanong tseno fa re ntse re akanya, malebang le Aforika, gore re fa kae, le gore re ka rata go ya kae, le go tlhomamisa gore basha botlhe le bone ba a akarediwa mo dipuisanong tseno.
  • Ka loeto lwa go reetsa, ke itlama go golagana le mekgatlho ya basha, ditlhopha tsa basha tse di fetolang le basha ba Aforika go ralala kontinente ya rona le kwa Diaspora ka maikaelelo a go emela mongwe le mongwe le go dirisa dikakanyo tsotlhe tse di phatsimang tse di tla rotloetsang le go potlakisa maiteko a mangwe. Ke buelela gore basha ba ba nang le bogole ba akarediwe mo go tseyeng ditshwetso. Go botlhokwa gore go se ka ga sala motho ope kwa morago.