Wq/tn/Catherine Lacey

From Wikimedia Incubator
< Wq‎ | tn
Wq > tn > Catherine Lacey

Catherine Lacey ( a tshotswe 9 Moranang 1985) ke mokwadi wa letso la America.

Dinopolo[edit | edit source]

  • O boditse gore a gonna le motho goa thusa kana go utlwisa botlhoko  kana go ama tiro jang. Ke akanya gore go tswa fela gore motho yoo ke eng le wena kana wena le ene le tsalana kana sikana jang. Mo botsalanong re letlelela go dirisiwa ka tsela ee siameng le e e sa siamang mme sese tlisa bosula mo tirong.
  • Kea rata! Ke na le go kwala ka sengwe le sengwe se se tshwanetseng go tshwarwa ka manontlhotlho kana  se se tlhakatlhakaneng mo botshelong jwa me ka nako eo, le fa go ka raa gore ke kwale ka sepe fela seo ke iseng ke se dire kana kese tshele.  Maikutlo mo polelong kana padi khutshweng  e tshwanetswe ya nna aa …mo go nna.
  • Mme thotloetso ke selo sese tshegisang. Nako tse dingwe di utlwa okare ke rotloetswa thata ka dilo tseo tse di diragetseng mo botshelong jwa me go na le seo  kese badileng. Fa ke bala ke utlwa okare  ke ithuta go dirisa di dirisiwa tseo ke batlang go di dirisa, seo ke utlwang okare ke  selo se se pharologano le seo se  rotloetsang lekwalo le kana leo.
  • Thotloetso ya nnete go tswa mo lekwalong kana mo pading ke  maikutlo, botlhale joo o bo dirisitseng le megopolo eo emo go yone. Ntlha e nngwe eo bakwadi ba bangwe ba supang thutloetso ka yone ke  ka  go ruta ka dikitso dingwe  jaaka go kgaolela mpherefere kana go segelela anyanese(onion). Go nna le dikitso tsa go dirisa thipa ga gogo dire moapei wa tlhwatlhwa.

The Messy and the Vulnerable: Catherine Lacey, GUERNICA, 8 August 2018 by Erik Fairwell[edit | edit source]