Jump to content

Wq/tn/Buchi Emecheta

From Wikimedia Incubator
< Wq | tn
Wq > tn > Buchi Emecheta
Buchi Emecheta

Florence Onyebuchi "Buchi" Emecheta o o tshotsweng ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe,masome a mane le metso e mene (1944), kgwedi ya Phukwi e le malatsi a le masome a mabedi le motso, mme a tlhokafala ka Firikgong a le malatsi a le masome a mabedi le botlhano ka ngwaga wa dikete tse pedi,lesome le metso e supa ( 2017), e ne e le mokwadi wa dibuka o o tsholetsweng kwa lefatsheng la Nigeria. Buchi Emecheta o ne a kwala metshameko, dibuka tsa matshelo a batho, ga mmogo le dibuka tsa bana. O kwadile dibuka di ka nna masome a mabedi, di akaretsa e e bidiwang Second Class Citizen e a e kwadileng ka ngwaga wa sekete,makolo a robabongwe,masome a supa le metso e mene (1974), The Bride Price ya ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe,masome a supa le metso e merataro( 1976), The Slave Girl ya ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe,masome a supa le metso e supa (1977) le The Joys of Motherhood ya ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe,masome a supa le metso e robabongwe (1979.) Bontsi jwa dibuka tsa gagwe tsa pele di gatisitswe ke ba Allison and Busby kwa morulaganyi wa gagwe e neng e le Margaret Busby.

Dikgangkgolo tse Emecheta a neng a itebaganya le tsone tsa go dira bana makgoba, go nna mme, go ikemela ka nosi ga basadi, le kgololesego e motho a e bonang ka ntlha ya thutego, di kgadilwe tsa bo tsa tlotlomadiwa ke ba le bantsi. Ka nako nngwe o ne a tlhalosa fa dipolelo tsa gagwe e le dipolelo tsa lefatshe, tse mo go tsone basadi ba itemogelang kgatelelo, mme lobaka lo ba lo nnang, go sa kgathalesege gore ba tlholega kwa kae,mathata a bone a simolola go tshwana. Dikwalo tsa gagwe di kanoka kgotlhang gareng ga setso le sesha. O supilwe fa e le mme wa ntlha o montsho go atlega mo go kwaleng dibuka, a nna kwa lefatsheng la Britain morago ga ngwaga wa 1948.

Dikinolo

[edit | edit source]
  • Mo dibukeng tsame tsotlhe...ke itebaganya le mathata le letlhoo tse batho bantsho ba di itemogelang mo Britain gompieno.
  • Ke dumela gore go botlhokwa go bua le babadi ba gago lo le mmogo...go letla batho go mpona ka namana; ke tshwanetse go kwala le go bua. Tiro ya me e akaretsa go nna mokwadi le go nna sebui ka molomo.
  • Ke berekela kgololesego ya basadi, mme ga ke mmueledi wa ditshwanelo tsa basadi. Ke mosadi feka.
  • Bomme ba bantsho mo lefatsheng lotlhe ba tshwanetse go kopana gape mme ba sekaseke ka fa ditso di re supang ka teng.
  • Mme gone ke mang o o dirileng molao wa gore re seka ra nna le tsholofelo mo baneng ba rona ba basetsana? rona, re le bomme, re tshegetsa molao o go feta mongwe le mongwe. Go fitlhelela re fetola se, e santse e le lefatshe la borre, le bomme batla tswelelang ba thusa go le aga.
    • A bua ka bong jwa bomme (jaaka go inotswe mo [1])
  • Dilo di lepalo potlana fela, di maswe fela jaaka segakolodi se se molato.
    • A bua ka setho [2]
  • Go nna mokwadi wa me, ke tla bo ke iphora fa ke ka re ke kwala ka leitlho la monna. Ga go phoso, mme seo ga se ntire mokwadi wa mmueledi wa ditshwanelo tsa basadi. Ga ke rate leina leo. Leina le le tswa kwa mafatsheng a a kwa bophirima - fela jaaka ba re bitsa lefatshe la boraro.
    • A bua ka go kwala e se mmueledi wa ditshwanelo tsa basadi jaaka go inotswe mo "Zikoko"
  • Buka ya ntlha ke e kwala e ne ele The Bride Price e e neng e le buka ya lorato, mme monna wa me o ne a fisa buka e fa a e bona. Ke ne ke le mme fela wa mo Aforika o o tshwanang le ba bangwe, ke ne ke dirile se mo sephiring, ke ne ke batla gore a e bone, a e lebe, a e akgole, mme o ne a re ga a ka ke a e bala.
    • A bua ka lonyalo lwa gagwe lo lo neng lo le makgwakgwa.[3]
  • Ke mosadi ebile ke mme wa moAforika. Ke morwadie lefatshe la Nigeria, mme fa le tlhabiwa ke ditlhong, ke tla nna fa ka lela le lone.
    • Buchi Emecheta a bua ka go nna mosadi wa kwa Nigeria.[4]

Buka ya Head above Water (1994)

[edit | edit source]
  • Motho yo o sa rutegang o na le tshono e e potlana ya go nna le boitumelo [5]
  • Ka nako nngwe ke ne ka akanya gore ke tla kobiwa. Mme go ne ga seka ga nna jalo.[6]

Buka ya The Joys of Motherhood (1979)

[edit | edit source]
  • Modimo, o tla tlhola leng mosadi o o tla ikgotsofalelang, motho o o tletseng, a sa tlatse ope? a rapela a tiisitse.
  • Mo Ibuza barwa ba thusa rraabone go fitisa ka fa ba thusang mmaabone ka teng. Boipelo jwa mme bo mo leineng fela. O tshwenyega ka bone, a ba tlhokomele fa ba santse ba le bannye; mme mo thusong ya mo tshimong, go tshegetsa leina la lolwapa ke maikarabelo a ga rre.
  • Modimo, o tla tlhola leng mosadi o o tla ikgotsofalelang, motho o o tletseng, a sa tlatse ope?...ke tla gololesega leng?
  • Monna ga a ke a nna maswe. [10]
  • Mosadi mongwe le mongwe o tshwanetse go gololesega go tshela botshelo jo a bo itlhophelang. [11]
  • Batsadi bangwe, bogolo jang ba ba nang le bana ba bantsi go tswa mo go bomme ba ba farologaneng, ba kgona go latlha morwa o o sa utlweng, mong o ka latlha motlhanka o o senang kutlo, mosadi o ka latlha monna o o sa siamang, mme mme ga a ka ke a latlha morwae. Fa a bonwe molato, o ka atlholwa a mo eme nokeng. [12]

Buka ya Second Class Citizen (1974)

[edit | edit source]
  • Kwa gae kwa Nigeria, se mme a neng a tlhoka go se direla losea lwa gagwe e ne e le go mo tlhapisa le go mo jesa, mme fa a itseneka, a mo belege mo mokwatleng a tswelele ka tiro fa ngwana a robetse.
  • Matlhare a ne a santseng a le mo ditlhareng mme a ne a omelela, a kaletse kwa godimo jaaka dinonyane di ipaakanyetsa go fofa.

Buka ya The Bride Price (1976)

[edit | edit source]
  • Go le gantsi monwana o ne o supa basetsana. Mosetsana o o tshamekileng pele ga a ka nyalwa o ne a sa fiwe tlotla mo lolwapeng lwa gagwe lo losha; mongwe le mongwe mo motseng o ne a itse ka kwa a tswang teng, bogolo jang fa a nyetswe ke monna wa moitlotlomatsi.
  • Sepe fela se se tswang kwa ntle ga lefatshe se ne se tlotlomadiwa go gaisa tse di tlwaelesegileng mo gae.
  • [16]