Wq/tn/Beauty Manake

From Wikimedia Incubator
< Wq‎ | tn
Wq > tn > Beauty Manake

Beauty Manake ke lepolotiki mo Botswana ebile ke morutuntshi. Ke mothusa tona ya tsa Pereko le Madirelo mo Botswana, atsene mo maemong ao go tloga ka 2019 morago gago tlhochwa ke tautona oo mo setilong Mokgweetsi Masisi. O tsene mo setilong kana mo kantorong ka kgwedi ya Tlhakole e tlhola malatsi ale masome a mababedi ngwaga wa 2022.[1][2]

Dinopolo[edit | edit source]

  • Fa ke ne ke simolola go bereka, mme one a dira madi a kea amogelang go menagane gane, mme kene ka akanya gore 'ke tsene sekole ke bala mogo tseneletseng, mme mme ene gaitse lekwa kgoro ya sekole e teng mme o dira madi aa boitshegang. Kene ka ipotsa gore a mme keka moo ke tlile go tshela ka teng fa mme ene a iphirile, a dira madi a mantsi?, ka bokhutshwane ke ka moo ke tlogetseng tiro ka inaakanya le temo.
  • Ke tsene mo go tsa temo kesena kgatlhego mme ebile kesa itse sepe katsa temo. Ke tsene fela ka kene ke batla madi mme ebile kea batla ka bofefo.
  • Mme one a gweba ka go rekisa digoruntu; one a reka merogo le maungo kwa Aforika Borwa. Ene ere ka malatsi a boitapoloso ke tsamae le ene ko Aforika Borwa, mme selo sese neng se intumedisa kana se kgatlha leitlho lame ke gore motsotso fela o tsena ka molelwane wa  Aforika Borwa o kgatlhantshiwa ke botala. Se se raya temo, gona le dipolase kana masimo a matona  le batho koo mme ebile gogo tala
  • Gompieno ke rata temo, ke  tshela yone, keja yone mme ebile ke dira sengwe le sengwe sese tsamaisanang le temo. Go tsamaya mo gare ga masimo, ke bona botala mme ebile ke nkgelwa ke dinamone ke pholo mo go nna.

Metswedi[edit | edit source]

  1. Botswana Government Ministries". www.govpage.co.za. Retrieved 2023-12-13
  2. Republic of Botswana ♦ Embassy in Stockholm, Sweden ♦". www.botswana.se. Retrieved 2023-12-13