Wq/tn/Amantle Montsho

From Wikimedia Incubator
< Wq‎ | tn
Wq > tn > Amantle Montsho

Amantle Montsho ( a tshotswe 4, Phukwi 1983) ke motabogi wa mabelo a makhutshwane wa Motswana yo o itsagaleng thata ka go taboga lebelo la dimmithara di le makgolo a mane.(400m). One a emetse lefatshe la ga bone kwa dikgaisanong tsa di Olympic tsa 2004 le Olympic tsa selemo sa 2008  mme a fitlhelela makgaolakgang ka 2008. Ke ene mme wa ntlha  go emela lefatshe la Botswana kwa di Olympic. O gaisane mo  dikgaisanong tsa bommampudi tsa mafatshefatshe tsa mabelo(World Championship in Athletics) le IAAF World Indoor Championships mme o tshwere maemo a bommampudi mo lebelong la dimmithara di le makgolo a mane (400m) a fenya ka nako ya selekanyo sa 49.56 ko Daegu ele lebelo la gagwe le le ko godimo.

Dinopolo[edit | edit source]

"Simply the Greatest" (2020)[edit | edit source]

  • O tshwanetse wa nna le tseo odi ipeileng pele go di fitlhelele mme wa ipeela nako kana sekgale sa go dira jalo.
  • Ikgaphe mo dilong tseo di ka go senyetsang tiro.
  • Aga bokamoso jwa gago mme ebile oseka wa latlhegelwa ke tsela.
  • Mo botshelong o tshwanetse wa itse seo se batlang mme fa gontse jalo gagona yo o ka go faposang mo tseleng eo omo go yone.
  • Ke selo se se saleng se entumedisa go bona ke emetse lefatshe la me ko seraleng sa mafatshefatshe
  • Akanya seriti le serodumo se ke se utlwang ke tsena mo lebaleng keitse gore matlho otlhe a lebile nna. Seo ke selo sese kgethegileng. Kena le balatedi lefatshe ka bophara mme kemedi eke e boneng go tswa kwa gae ene ele ya maemo a ntlha.