Wq/tn/Allyson Felix

From Wikimedia Incubator
< Wq‎ | tn
Wq > tn > Allyson Felix

Allyson Michelle Felix OLY( a tshotswe 18, Ngwanatsele 1985)[1] ke motabogi wa mo Amerika yoo tlogetseng mabelo. One a gaisana mo mabelong a  dimmithara tse di lekgolo(100m), tse di makgolo mabedi(200m) le tse di makgolo mane (400m). One a rata kana a tlhophile go taboga kana go gaisana mo lebelong la dimmithara tse di makgolo mabedi(200m) go tloga ka ngwaga wa 2003 go tsena ka ngwaga wa 2013, mme a tloga a tlhopha go gaisana mo lebelong la dimmithara tse di makgolo a mane(400m) mo tirong ya gago ya mabelo.

Dinopolo[edit | edit source]

  • Ke akanya gore kena le poifo e e ko godimo go buwa kana go akgela ka sengwe.
  • Gake batle go sutjwa ka monwana, ke batla go nna motho yoo senang selabe.
  • Go nna mme kana motsadi ke selo se se nkamileng thata, tota go amogela bomme kana batsadi mo metshakong, basa tlamege go tlhopha go nna motsadi kana go tswelela le mmereko jaaka motshameki kana modiragatsi.
  • Go nna motsadi, fa ke leba morwadiake, abo ke bona lefatshe lea tlileng go tshela mo go lone go mpha lentswe gore ke bue ka dilo tse ke neng nka seke ka bua ka tsone pele.
  • Re tshwanetse ra leba selo se ka kelotlhoko  jaaka sentse- botsogo jwa bo mme jo bo mo kotsing. Ke ka moo re tshwanetseng ra lwa ka gotlhe go sireletsa matshelo a basadi le bomme ba ba nang le bana mo mafatsheng a rona.

Metswedi[edit | edit source]

  1. Athlete Bio: Allyson Felix". USA Track & Field. Retrieved September 7, 2021