Wq/tn/Adenike Akinsemolu
Appearance
- Adenike Adebukola Akinsemolu ke mmueledi wa tsa tikologo wa kwa Nigeria, morutabana, mokwadi le rakgwebo wa loago. Ke motlhatlheledi kwa Obafemi Awolowo University (Adeyemi College Campus). O itsege e le mongwe wa bomankge ba ba di gogang kwa pele mo lefatsheng leno mo go tsa tikologo.
- Akinsemolu o ne a tlhoma kgots a a simolodisa Green Campus Initiative, e e neng ya nna Green Institute. O tlhomile Girl Prize e e nayang dithuso tsa madi le ya go ruta basetsana ba ba tsenang sekolo sa bogareng kwa Nigeria.
- Akinsemolu o amogetse seetsele sa Robert Bosch Stiftung Award le sa Nigeria Energy Award.
- Ke mokwadi wa dipampiri tse di gatisitsweng mo makwalopakeng a thuto, go akaretsa le seabe sa ditshedinyana tse dinnye mo go fitlheleleng maikaelelo a tlhabololo e e tswelelang.
- Dikinolo
- Ga go na sepe se se phoso ka go amogela setso se sesha mme fa o sa bone sepe se se molemo mo setsong sa gaeno mme o akanya gore setso se sengwe ke sone se se tlwaelegileng, go raya gore go na le sengwe se se phoso. Ke go bitsa bokgoba jwa mogopolo.
- Go galaletsa setso sa gago (21 Moranang 2009)
- Se o leng sone ke se o leng sone. Ke sone se se dirang gore o nne motho yo o kgethegileng. O se ka wa wela mo seraing sa Bokolone jwa Tlhaloganyo.
- Go fetoga ga loapi ke kgang ya boitsholo. Ga se saense fela.
- Tebo ka diphetogo ya loapi (5 Seetebosigo 2017)
- Re tshwanetse go amega thata ka tikologo. Ke sone se se supiwang ke mmala o botala mo folageng ya rona.
- Tikologo ka kakaretso (2017)
- Le fa go ntse jalo, seo ga se a tshwanela go re thibela go dira seabe sa rona. Polanete eno ke ya rona. Fa e gola sentle, le rona re dira jalo.
- Mo go nna, go akaretsa go nna le kamano e e gaufi le tlholego. Go tswela kwa ntle le go tsena mo tikologong. Go bona bontle jwa yone le botlhokwa jwa yone. Ke fela fa re ka anaanela tlhago ya ga Mmè wa Lefatshe, re tla bo re na le keletso ya go dira gore polanete ya rona e nne ntle gape.
- O se ka wa letla mathata a go amoga ditshwanelo tsa gago tsa motheo. Tlholego e gaufi go feta kafa o akanyang ka teng.
- Tikologo e e itekanetseng e botlhokwa thata gore re nne le botshelo jo bo itekanetseng, mme ke ne ke batla gore re leke go dira gore tikologo ya rona e nne e e botoka mo go rona le mo dikokomaneng tse di tlang.
- Ka nako eo, ke ne ka lemoga gore tiro e le nngwe fela e ka nna le tlhotlheletso mo lefatsheng.
- Ke ne ka lemoga gore eleruri lefatshe le lennye, mme motho o tshwanetse go ithuta go nna le botsalano jo bo siameng ka gonne ga o itse gore o ka nna wa tlhoka thuso ya ga mang.
- Dikamano tsa batho ga se papadi e e se nang masola fa e le gore tota re batla go ikanyega. Gantsi re tshwanetse go dira gore go nne le lefelo le re ka buisanang le go tlhaloganya gore re ka tokafatsa kamano ya rona jang.
- Mpho ya botshelo e tla gangwe fela, mme o na le nako ya botshelo jotlhe jwa gago ya go fitlhelela ditoro tsotlhe tsa gago, diponelopele, mekgele le dikeletso tsa gago kwantle ga go ikwatlhaela seo. Gakologelwa, boitumelo bo nna gone fa ditoro tseno, diponatshegelo, mekgele le dikeletso tseno di diragadiwa.
- Simolola fela ka se o nang le sone, mme o se dire. Ditoro di simolola fa o simololang teng. Le fa gone dikakanyo di ka tswa di le dintsi e bile di sa utlwale sentle, fa o sa simolole ka se o nang le sone le gore o kwa kae, o ka nna wa se ka wa fitlhelela mekgele ya gago.
- Dithuto tsa tikologo di ka tsewa jaaka thuto e e ikemetseng ka nosi, fela go bona molemo o mogolo go tswa mo go tsone, go tshwanetse ga dirisiwa mokgwa o o farologaneng.
- Mo godimo ga go nna batlhokomedi ba tikologo, basha ba tshwanetse go tlhaloganya gore go fetoga ga tlelaemete go tshosetsa isagwe ya bone. Go laola se se ka se kang sa tilwa (go tlwaela maemo) le go tila se se ka se kang sa laolesega (go fokotsa mathata), basha ba tshwanetse go dira gore go ithuta ka tikologo e nne selo se se tlang pele mo thutong ya bone.
- Ke fela fa re simolola go nna le mogopolo wa go fokotsa matlakala go tswa mo boapeelong go ya kwa malapeng, le mo mebileng, ke gone ba tla lemogang melemo ya boitekanelo, tikologo le ikonomi ya go laola matlakala.
- Dikgwetlho tsa lefatshe tse di tshwanang le leroborobo la mogare wa corona di teng mme ga di a tshwanela go lejwa go ya ka pono ya bosetšhaba. Fa mogare wa corona o re gakolola gore re ka nna ra bo re le bokoa e bile re sa ipaakanya, maiteko a re a dirang letsatsi le letsatsi a re gakolola gore re ka kgona go dira dilo tse dintsi fa re dira mmogo go fitlhelela mokgele o o tshwanang.
- Dintlha tsa botlhokwa gotswa tirelong ya 2017 World Environment Day event (2020)
- [Tsela e kgolo ya go itse ka Letsatsi la Lefatshe la Tikologo la 2017] Botshelo ga se baesekele e e nang le mabelo a le lesome e o ka kgonang go fetola dikere mo go yone o bo o kopa gore go tsenngwe e nngwe.
- Kafa a Lebang Botshelo ka Teng (2020)
- Dikokomana tse di santseng di le dinnye ke batho ba ba tlisang diphetogo e bile ke borogo jo bo isang kwa isagweng e e botoka. Eleruri eno ke tsela e ke ikaeletseng go fetola dilo ka yone - ka go naya baeteledipele ba basha didirisiwa tse di tlhokegang gore ba gole.
- Ka nako tsothe gakologetswe ka metlha gore batho bangwe ba tla go sotla fa o ntse o gatela pele, mme o se ka wa letla seo go go fekeetsa....
- Botshelo bo tshwana le lobelo lwa go tsaya maemo; diponatshegelo le ditoro ga di ke di swa. Di fetisediwa mo kokomaneng e e latelang gore e di tsamaise...
- O ikaeletse go tlhakatlhakanya dilo jang (5 Phatwe 2020)
- Sengwe le sengwe se direga ka lebaka, mme go na le thulaganyo e e rulagantsweng go sa le gale ya dilo tse di leng teng le tse di tla nnang teng.