Wn/tn/O ka kwala dikgang jaana

From Wikimedia Incubator
< Wn‎ | tn
Wn > tn > O ka kwala dikgang jaana


Go Tsenya Setlhogo Sa Gago[edit | edit source]

Dira setlhogo sa gago sekutshwane, mme se nne le molaetsa fa o bula tsebe. Go ya ka Wikinews setlhogo se kwalwa ka ditlhaka tse di nnyane konteng ga tlhaka ya ntlha kana mafoko a a tswanetseng go simolola ka ditlhaka tse ditona. Sekai, "Taotona o ithola marapo" se seiame, O seka wa kwala jaana "Taotona O Ithola Marapo".

Kwala kwa dikgang ditswang teng[edit | edit source]

Mo lebokosong la go fetola se o se kwalang go nale setlhogo "== Kwa dikgang ditswang teng ==". Kotlase o tswanetse go kwala kwa o tsayang se o kwalang ka ga sone teng. Se o ka se dira ka go tsenya Template:Wn/tn/Source, Se o ka se tsenyang ka go tobetsa *{{source|url=|title=|author=|pub=|date=}} mo tsebeng e o kwalang mo go yone. O tswanetse go tlatsa ka go kwala maranyane a o tsereng se o se kwalang mo go one, setlhogo, mokwadi, kwala o tsetseng se o se kwalang mo phefong le letsatsi le se tsentsweng mo phefong ka lone.

Botoka leka go kwala maranyane a o tsereng se o kwalang ka sone a le mabedo. Se se raya gore se fokotsa go ka gotlhagotlhana le ba kwa o tsereng se o kwalang ka sone teng, gape rorifatsa se o se kwalang mo mafelong a le mabedi. Gakologelwa! Ga maranyane a kwalang dikgang jaaka Reuters kana Associated Press a ntsha dikgang maranyane a mantsi a di kwala. O seka wa thopa maranyane a a kwalang dikgang fa go kwadilwe di kwadilwe AP.

Araba dipotso tsa botlhokwa[edit | edit source]

Temana ya gago ya ntlha e tswanetse go leka ka bojotlhe go araba Mang, Kae, Leng, Ka goreng, Eng, and Jang. Ke gone ha o "rekisang" se o se kwadileng ko mmading gore a batle go bala gotlhe.

Sala morago ka melaetsa[edit | edit source]

Fa o feditse ka temana ya ntlha o thoka botoka ditemana tse dingwe tse pedi go supa boleng jwa se o se kwalang le molaetsa wa sone.