Wn/tn/Aforika Borwa

From Wikimedia Incubator
< Wn‎ | tn
Wn > tn > Aforika Borwa

Aforika Borwa, ke naga e e kwa borweng ba Afroika. Lebopo la naga e le dikilomitara di ka nna 2,798, go tloga borwa ba lewatle la Atlantic le la India. Mme bokoneng gona naga e e bapile le naga ya Botswana, Namibia, le Zimbabwe. Go leba botlhaba gona, e bapile le naga ya Mozambique le Swaziland. Lesotho lona le akareditswe ke Aforika borwa matlhakoreng otlhe. Aforika Borwa ke naga ya bo 25 mo lefatsheng go ya ka bogolo ba lefatshe, mme ke naga ya bo 24 go ya ka palo ya batho. Aforika Borwa e na le batho ba ba ka nnang 54 million (2015).

Aforika Borwa ke naga e e nang le merafe e mentsi ya batho, ditso tse di farologaneng, diteme le bodumedi bo bo farologaneng. Se ke sona se dirang gore Aforika Borwa e bitswe Naga ya Molala Tladi (Rainbow Nation). Go na le diteme di le somenngwe tsa semmuso mo nageng e.

Naga e ke nngwe ya dinaga tse malwa tsa Aforika e e seng e bone go tsaya puso ka kgapeletso ya masole (coup d'etat) go se mo molaong. Go tloga kgale le kgale ntse go na le ditlhopho mo nageng e. Mme ka mabaka a tlhophollo ya batho ba bantsho, ditlhopho tsa ntlha tse batho botlhe ba naga ba ne ba tsaya karolo ke ditlhopho tsa ngwaga wa 1994, e ne e le ditlhopho tsa ntlha morago ga Apartheid. Nationla Party e ne ya simolola apartheid ka ngwaga wa 1948. Mme morago ga dingwaga di le dintsi tsa ntwa le dikgotlhang, African National Congress (ANC) le batho ba bangwe ba ne ba lwantsha apartheid, ba ne ba fenya, mme apartheid ya tloswa mo nageng, ga tsentshwa tshokologo.

Diperesente di ka nnang masome a robedi (80) tsa maAforika Borwa ke ba letso la Sub-Sahara. Bona ba arogantswe ka ditlhopha tsa merafe, jaaka Batswana, Bapedi, Batebele, ba buang maleme a a ne a bitswa Bantu Language. 20 % ya maAforika a setseng e dirwa ke Basweu, baIndia, le maColoured. Go tloga ka 1994, ditlhopha tsotlhe tsa batho ba Aforika Borwa di na le boemedi mo palamenteng le mo dipolotiking ka bophara.

Leina[edit | edit source]

Naga e e bitswa "Aforika Borwa" ka gonne ke yone naga e le leng kwa tlase tlase borweng ba kontinente ya Aforika. Fa e ne e tlhamiwa, naga e ne e bitswa "Union of South Africa" ka sekgoga. Go tloga ka 1961, leina la naga la sekgoga ke "Repulic of South Africa". Ka seDutch, naga e ne e bitswa "Zuid-Afrika", mme ka 1983 leina lego le ne la tlosa mme gwa dirisa la Afrikaans la "Suid-Afrika". Go tloga ka 1994, Aforika Borwa e na le maina a le 11 a semmuso, lengwe le lengwe ka ngwe ya dipuo di le 11 tsa semmuso tsa Aforika Borwa.

"Mzansi", go tsa lelemeng la seXhosa, ke leina le le tlwaelegileng la Aforika Borwa.

Dikgaolo tsa Aferika Borwa[edit | edit source]

Ko bokhutlong jwa aparateiti ka ngwaga wa 1994, fa ba "tsere puso" le ha ba le "gaufi le go tsaya puso" batho ba letso la Bantu ba ne tisiwa ko bokhutlong ha go ne go na le diporofinsi tse nne e bong (Cape, Natal, Orange Free State le Transvaal), le diporofinsi tse dingwe tse dintsha. Porovinsi ngwe le ngwe e buswa ke molamente yo o tlhojwang ngwaga tse botlhano dingwe le dingwe tse di tlang, a thlojwa ke bathophi ba party le maloko a party. Moeteledi pele wa party kana tautona o tlhopha mopalamente wa pelo ya gagwe e le moeteledi pele wa goromente, moteledipele o tla bo a apela matona a puso di porofinsi go ya ka di porofinsi le kitso ya bone. Dithata tsa ba okametseng di porofinsi ke laolwa ke mekolo wa molao; engwe ya dikgang tse di akaretsa botsogo, thuto, mantlo a sechaba le dipalamo tsa sechaba.

Metswedi[edit | edit source]