Jump to content

Wq/tn/Sadie T. M. Alexander

From Wikimedia Incubator
< Wq | tn
Wq > tn > Sadie T. M. Alexander

Sadie Tanner Mossell Alexander (O tshotswe ka kgwedi ua Ferikgong 2, 1898 – O tlhokafetse ka kgwedi ya Ngwanatsele 1, 1989) e ne e le moporofešenale wa Montsho wa mmulatsela le molwela-ditshwanelo tsa baagi wa tshimologo go ya bogareng jwa ngwagakgolo wa bo20. Ka ngwaga wa 1921, Mossell Alexander e ne e le mosadi wa bobedi wa Moaforika-Amerika go amogela Ph.D. le wa ntlha go amogela e le nngwe mo thutong ya itsholelo kwa United States.

Dinopolo

[edit | edit source]
  • Ke ne ke itse sentle gore tsela e le nosi fela e ke neng ke ka bulela lebati leo ka yone e ne e le go le diga; ka gonne ke di digile tsotlhe. O se letle sepe se go thibela
  • Fa nka go bolelela hisitori ya me ya kalafi, o ne o tla dumalana le nna gore ke ne ke laoletswe go tshela dingwaga di le mmalwa.
  • Fa ke ne ke tsena kwa Sekolong sa Thuto sa Penn’s ka Lwetse 1915, ke ne ke tlhomamisegile gore ke na le bokgoni jwa go atlega.
  • Ke ne ke sa akanye ka go nyalwa ke Raymond kgotsa ope fela ka gonne ke ne ke na le dilo mo mogopolong wa me tse ke neng ke batla go di dira.
  • Ke tsene sekolo sa molao mme ke ne ke itumelela sekolo sa molao. Le fa go ntse jalo, ke ne ka kopana le dikgoreletsi tse dintsi, mme ka nako eo ke ne ke nonofile gore ke se ka ka di letla go ntshwenya. Mme gape ke ne ka lemoga gore mo khamphaseng...ke ne ke fetogile phologotswana ya mo gae tota
  • Kgatlhego ya rona mo dikamano tse di botoka tsa merafe e ne ya tla ka tlholego fela ka ntlha ya maitemogelo a rona le keletso ya rona ya go bona gore seno ga se tswelele se diragala
  • Dira ka natla mme o ipaakanyetse kgetse nngwe le nngwe ka botlalo mme o ineele mo ditirong tse dingwe tse di tsweletsang tokafatso ya dikgato tsotlhe tsa boemo le moya wa motho.