Jump to content

Wq/tn/Eugenia Abu

From Wikimedia Incubator
< Wq | tn
Wq > tn > Eugenia Abu

Eugenia Abu ( Eugenia Jummai Amodu o tshotswe ka kgwedi ya Phalane ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe,masome a marataro le metso e mebedi ( 1962) mme o ne a le moanelwamotlhagisi wa kgaso, mokwadi, mmoki le mogakolodi wa media.

Dikinolo

[edit | edit source]

Ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi(2010)

[edit | edit source]
  • Re na le basha ba le bantsi ba ba nang le dikgang tse ba ka di swelang. Go na le mekwalo e mentle e e tswang gongwe le gongwe. Ke nako ya go tsosolosiwa.
    • [1]
    • Fa a ne a bua ka tsela e a itumelelang go bala dibuka tsa kwa Nigeria ka yone.
  • "Re tlhoka go nna le setlhopha sa bakwadi ba ba tla bopang lefelo le bakwadi ba ka kgonang go boela kwa go lone, setlhopha se se ka dirang jaaka kgogedi fa gare ga mogatisi le mokwadi yo o molemo. "
    • [2]
    • Fa re bua ka pharologano e e sa ntseng e le teng mo lefatsheng la dibuka.

Ngwaga wa dikete tse pedi,lesome le motso (2011)

[edit | edit source]
  • Nngwe ya dilo tse o tshwanetseng go di dira ke go itshepa le go dira dipatlisiso tse di tseneletseng. O itse go le gonnye ka sengwe le sengwe. Mme le fa ke ne ke sa ikaelela go nna Mmegadikgang fa ke ne ke le mosetsana yo monnye, go tlwaelana le batho go ne ga nthusa.
    • [3]
    • O ne a bua ka tsela e go gola ga gagwe go mo thusitseng ka teng go aga tiro ya gagwe ya bobegadikgang.

Ngwaga wa dikete tse pedi,lesome le metso e supa (2017)

[edit | edit source]
  • " O se ka wa dira mmele wa gago, o ka go isa fela kwa bolaong. Dira ka tlhaloganyo ya gago, e ka go dira Moporesidente wa Nigeria. O tshwanetse go nna le boboko jo bo dirang sentle mo tlhogong ya gago. Ela tlhoko sengwe le sengwe se o ka se ithutang. Dira go feta se o tshwanetseng go se dira. Dira dipatlisiso gore o nne le bokgoni. Bala. Dipatlisiso. Bala. Tsaya kabelo nngwe le nngwe ka tlhoafalo, ka tlhagafalo, ka keletso e kgolo ya go ithuta. Dira gore baokamedi ba gago ba go leke, ba go leke le go go bontsha gore o a ikanyega. O ka dira gore lefelo la gago le nne le le botlhokwa. "
    • [4]
    • Go gakolola makgarebe gore a nne kelotlhoko le go ithuta go tlhokomela thata go itokafatsa go na le go ikgabisa mo Seminareng ya Creative Hustle e e rulagantsweng ke British Council."
  • Nna o ipaakantse ka dinako tsotlhe. Akanya ka dilo tse dinnye mme o lebe dilo ka tsela e kgolwane. Tlhaloganya gore o mang. Apara tsela mme o bontshe tlotlo gore o tle o tsewe masisi. Dira dilo ka tsela e e tshwanetseng. Nna Molaodi. Dira tiro ya gago. Itlhophele ntwa e o tla e lwang mme o nne pelonomi mo bathapiweng ba gago le badirimmogo le wena. Itshegetse mo Tumelong ya gago le mo Modimong wa gago, dira gore lelapa la gago le nne le ritibetse mme o nne o ipaakantse fa tshono e tlhaga.
    • [5]
    • Go gakolola basha gore ba ithute go nna ba ipaakantse ka dinako tsotlhe le go atolosa tsela e ba lebang dilo ka yone kwa Seminareng ya Creative Hustle e e rulagantsweng ke British Council.

Ngwaga wa dikete tse pedi,lesome le metso e robabobedi (2018)

[edit | edit source]
  • " Re batla go utlwa ka dilo tse o di tsayang di le botlhokwa mo go wena jaaka mokgetlho wa sepolotiki. Ke eng se o se dirang se se botlhokwa mo dikgannyeng? A o ithutile go kwala makwalodikgang? Ithute go kwala khopi. Ithute kafa o ka kopang go gatisiwa mo metsweding ya dikgang ka teng. Eno ke tsela ya go bona diboutu, ka go ikuela mo bathong. "
    • [6]
    • Fa a ne a bua kwa kopanong ya Not Too Young To Run e e neng e na le bakgethi ba le makgolo a mane ba ba tswang mo makokong a sepolotiki a le masome a robabongwe le motso kwa Nigeria.
  • Batho ba batla ditlhogo tsa dikgang mme ga go kgathalesege gore a Nigeria e a sha.
    • [7]
    • Go kgala seemo se mo go sone bagatisi ba gatisang ditlhogo tsa dikgang tse di nang le dikganetsano ba tlhotlhelediwa ke dikgatlhego tsa kgwebo ba sa tshwenyege ka gore a naga e a sha morago ga moo mo segopotsong sa bolesome sa motseletsele wa Dithuto tsa Metswedi ya Tshedimosetso tsa Wole Soyinka Centre.

Ngwaga wa dikete tse pedi,lesome le metso e robabongwe (2019)

[edit | edit source]
  • " Ke tsene mo metsweding ya tshedimosetso ka phoso.
    • [8]
    • O ne a bua ka toro ya gagwe ya go nna mogasi fa a ne a sa le ngwana.
  • Kgwetlho e kgolo e ke neng ka lebana le yone e ne e le tikologo e e botlhole, batho ba ba sa tlwaelegang, le go tlhoka botsalano mo makgetlong a le mantsi.
    • [9]
    • O ne a bua ka dikgwetlho tse di boima tse a neng a lebana le tsone mo tirong ya gagwe ya go nna mogasi.
  • "Mosadi mongwe le mongwe yo o berekang o tshwanetse go bona ditsela tse di botlhale tsa go tlhomamisa gore o dira bojotlhe jwa gagwe go di laola sentle. "
    • [10]
    • Fa re bua ka go kopanya seabe sa go nna mmè, mosadi, le tiro. "
  • Dikgang tse di amang basadi ga di tsewe di le botlhokwa jaaka di tshwanetse. Ga ke dumele gore seno se ne sa ama go oketsega ga palo ya bakwadi ba basadi. Bontsi jwa bakwadi ga ba kgone go tlhalosa dikgang sentle. Ke nako ya gore basadi ba tseye dikgwetlho.
    • [11]
    • Fa re bua ka gore basadi ba fitlheletse go le kana kang go ikaegile ka go rata ga gagwe dikgang tsa basadi.

Ngwaga wa dikete tse pedi,le masome a mabedi (2020)

[edit | edit source]
  • O tla palelwa fela thata! Fa o sa bala, o ka se kgone go kwala sentle.
    • [12]
    • O ne a bolela kafa a ratang go bala ka teng.
  • Fa o kgona go bua sentle, e bile o na le bokgoni jwa go buisana le batho sentle, o setse o le mo sephatlong sa tsela. Le fa go ntse jalo, motho yo o nang le bokgoni jo bogolo jwa go buisana le ba bangwe a ka nna kotsi mo ditirelong tsa bareki.
    • [13]
    • Mafoko a a mo tlotlomatsang jaaka moemedi wa Vlisco.

Dikgolagano tsa kwa ntle

[edit | edit source]