Wq/tn/Ada Ehi
Ada Ogochukwu Ehi (o tshotswe ka kgwedi ya Phalane e le lesome le borobabobedi,ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe,masome a robabobedi le metso e supa (1987), Ada Ehi, ke moopedi, mokwadi wa dipina, mokwadi le moopedi wa mmino wa molodi wa kgalaletso wa kwa Nigeria. O simolotse tiro ya gagwe ya mmino a na le dingwaga di le lesome jaaka moopedi wa kwa morago wa naledi ya ngwana Tosin Jegede. Fa e sale a simolola tiro ya gagwe ya mmino ka fa tlase ga Loveworld Records ka ngwaga wa dikete tse pedi le metso e robabongwe (2009), o ntse a tuma thata mo lefatsheng la gaabo le mo lefatsheng ka bophara ka dipina tsa gagwe le dibidio tsa mmino.
DIKINOLO
[edit | edit source]•“O seka wa itsenya mo pading ya botshelo ka gore o kgona go itima padi ya botshelo ye ntle ye e kabong ele ya gago."
•“O seka wa dira tshwetso epe gone jaana; O seka wa dira ditshwetso tsa sennela ruri ka go leba faoleng teng jaana. Ikakanyetse le bokamoso jwa gago; "o se ka wa dira ditshwetso tsa nakwana go okobatsa kgotsa go kgotsofatsa dilo tse o di tlhokang ka nakwana kgotsa go di reka gone jaanong."
•“Fa o sa ipaakanyetse bokamoso, ga go na sepe se o se dirang se se tla go solegelang molemo.”